Puso e tsere tshwetso ya go tswala dikole
19 Feb 2025
Puso e tsere tshwetso ya go tswala dikole tse di potlana le tse dikgolwane go
simologa ka Labone, kwedi eno e le masome mabedi go tsena ka Mosupologo kgwedi eno e le masome mane le bone ka ntlha ya merwalela e e tsweletseng ka go oketsega go ralala lefatshe leno.
E rile a ntsha pego mo Palamenteng tshokologo eno, tona wa lephata la tlamelo ya bana le thuto go tswa kwa moding, Dr Nono Kgafela-Mokoka a re dipula di tsweletse ka go tshologa mme go lebega seemo se, se tla tswelela.
Tona Kgafela-Mokoka a re dikole le matlwana a borutelo di hupeditswe ke metsi, ka jalo metsamao ya baithuti, barutabana batsadi le botlhe ba ba thusang bana ko dikoleng e kgoreletsa.
“Re dira jalo go somarela matshelo a bana, badiredi ba dikole, batsadi le botlhe ba ba thusang bana go ya dikoleng. Ka Mosupologo re tla ntsha taolo e nngwe gape re sena go seka seka gore seemo se ntse jang,” ga tlhalosa tona Kgafela-Mokoka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Gaborone
Event : Pego
Date : 19 Feb 2025
Related News
29 Apr 2025
Tona o akgola BAGS
29 Apr 2025
Ngwana o thudilwe ke koloi
28 Apr 2025
Maranyane a tlhabolola itsholelo le matshelo
27 Apr 2025