Breaking News

Ookeditse o rotloetsa dikgwebo go ikemela ka dinao

19 Feb 2025

Mothusa Tona wa Botsogo, Rre Lawrence Ookeditse a re gore phetogo e nne teng mo matshelong a batho, go simologa ka bone ka go dira se se tshwanetseng.

O buile mafoko a mo thuto-seka dipuisanyo e e neng e tseneletswe ke banana le bomme ka tshwaragano ya khamphani ya Coca Cola le ofisi ya Mopalamente wa kgaolo ya Goodhope-Mmathethe, Dr Edwin Dikoloti.

Maikaelelo magolo a bokopano e ne e le go kgothatsa banana le bomme ba ba mo dikgwebong tse di potlana le ba ba batlang go simolola kgwebo ka e le bone ba amilweng thata ke letlhoko la ditiro.

Rre Ookeditse o tlhalositse gore go mo maruding a bone go netefatsa gore morago ga thuto-seka dipuisanyo eo, ba dira diphetogo mo matshelong a bone. A re puso e ka dira melao le go ntsha mananeo mme fa bone e le morafe ba sa tlhoafalele go dira se se maleba, ba tlile go tswelela ba ba tlhoka ditiro.

Mothusa Tona o gakolotse ba-tsena bokopano gore ba leke go kopanela dikgwebo tse dingwe le ba ba nang le madi, segolo jang lefatshe mme ba sena ditsompelo tsa go le tlhabolola.

Modulasetilo wa Khansele ya Goodhope-Mmathethe, Rre Gofaone Nkwane o kgothaditse phuthego gore khansele e dirile maitlamo a go reka mo bagwebing ba mo gae pele ga ba ka senka ditlamelo kwa ntle. O supile fa se, se tshwanetse go ba kgothatsa gore ba tshware ka thata. A re ba ikgaphe mo tshenyetsong setshaba ka ke yone e digang itsholelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Goodhope

Event : Workshop

Date : 19 Feb 2025