Sekole sa Xanagas se emisitse dithuto
19 Feb 2025
E re ka dipula di tsweletse ka go gosomana ka bokete go ralala lefatshe leno ka bophara, mafelo mangwe a feletse a aparwa ke merwalela e e feletseng e baka go emisiwa ga ditirelo ka nakwana.
Se se builwe ke Mothusa Molaodi wa Kgaolo ya Charleshill, Rre Aron Mafokate a tlhalosa fa pula e simolotse go tshologa ka letsatsi la Labone wa beke ee sa tswang go feta go fitlhelela mo bekeng eno, mme seo sa baka morwalela kwa sekoleng se sebotlana sa Xanagas.
A re seemo seo, se ne sa pateletsa go emisiwa ga dithuto ka nakwana ka jaana go ne go sena bobeo jwa lonao mo sekoleng. Rre Mafokate a re ba komiti e e itebagantseng le dibetso tsa tlholego ya kgaolo, ba ne ba ragogela kwa sekoleng seo, ka nako ya bone mo tshokologong ka Mosupologo mme ba fitlhela seemo e le se sele metsi a tletse.
A re ka maswabi, ba ne ba retelelwa ke go bona didirisiwa tsa go gogela metsi kwa ntle ga dikago tsa sekole. O supile fa sekole seo, e le se bana ba ba nnang mo go sone mme ka jalo, batlhokomedi ba bone ba ne ba rebolwa go robala le bone mo matlwaneng a bone go lala ba ba beile leitlho go hema dikotsi.
Le fa go le jalo, Rre Mafokate o supile fa mo letsatsing la Labobedi komiti e tlaa boela kwa sekoleng go ya go thusa seemo gore bana le barutabana ba kgone go boela dithutong ba babalesegile.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Mafokate o supile fa ba sa gatisa dikgang dipe tsa tshenyo mme a tlhalosa fa kwa metseng ya Ncojane, Kole le Tsootsha ba ne ba begelwa ka metsi a a tseneletseng batho mo malwapeng mme ka lesego, a supa fa go sena tshenyo dipe tse di masisi tse di begilweng.
O ne a gwetlha banni ba kgaolo go nna kelotlhoko mo baneng ka jaana malwapa, makadiba le matsha a tletse metsi mme go le botlhokwa go babalela matshelo le botsogo jwa bana mo dikotsing le malwetsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Charleshill
Event : Potsolotso
Date : 19 Feb 2025