Breaking News

Balemi ba rotloediwa go ela diji tlhoko

18 Feb 2025

Rabalemise wa kgaolo ya Barolong farms o gakolotse balemi go tlhokomela masimo a re se se botlhokwa ka gore kgaolo eo e tshwenngwa ke seboko sa Fall Army Worm le serurubele sa Fruit fly.


Rre Phetogo Molefi-Tshuma o tlhaloseditse BOPA gore Fall Army Worm e bonala thata fa pula e le ntsi mo kgaolong mme e dira tshenyo e tona. A re mo maitekong a go kganela diji ka go farologana, ba abetse balemi ka bontsi melemo e e di bolayang mme a gakolola balemi gore fa ba ka lemoga sengwe, ba ikgolaganye le balemise ba dikgaolo tsa bone.


Rre Molefi-Tshuma a re go botlhokwa gore gangwe le gape balemi ba lekole masimo a bone ka go dira jalo go ka ba thusa go lemoga fa gona le bothata jwa diji. O ba kopile gape gore ba netefatse gore masimo ga a na mohero, gore dijalo di gole ka bonako le go laola diji.


Rre Molefi-Tshuma a re le fa temo e simolotse moragonyana ka ntlha ya go diega ga pula, balemi ba kgonne go tshwara bokgola ka bontsi mme mo kgaolong eo go ikwadisitse ba le 1 053. A re le fa ba santse ba kopanya dipalo, tsholofelo le tumelo ke gore monongwaga bontsi bo lemile. O tlhalositse fa mo palong ya 1 053, ba le lesome le bongwe e le ba masimo a MOSISEDI, ba ba lemelang kgwebo.


Rre Molefi-Tshuma a re bontsi bo lemile mmidi a bo a supa fa beng ba diterekere bangwe ba kopile madi a dituelo mme ba sa thusa balemi fa bangwe ba ba neng ba filwe tiro ya go rekisa dipeo, ba ne ba ntsha tsa boleng jo bo kwa tlase mme ebile di seo mo go tse dineng di supile gore dika fiwa batho. A re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme ba ba molato ba tlaa di gama ba sa di tlhapela.


"Re na le tsholofelo ya gore balemi ka bontsi ba tlaa dika ba orile molelo wa mariga fa ba ka nna tlhaga go tlhokomela masimo a bone," ga bua Rre Molefi-Tshuma.


Modulasetilo wa balemi ba MOSISEDI, Rre Gofaone Mapitse o tlhalositse fa ba simolotse go itemogela tshenyo ya seboko sa Fall army worm. A re balemi bangwe ba dirisitse ditshefi tse di bolayang seboko, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore molemi a tlhole tshimo gangwe le gape gore fa go ka nna le bothata, bo lemogiwe bo ise bo tswe mo taolong. 


Molemi wa masimo a Motsentshe, Rre Kabelo Sesimogang e ne o kaile fa seboko seo se tlhasetse dijwalo tsa gagwe di santse dile dinnye mme ka lesego a se lwantsha le fa sene se setse se sentse.


Rre Sesimogang a re balemi ba itlwaetse go lekola masimo mo mosong ka  go ka nna motlhofo go bona bobi jwa seboko fa se le teng. A re masimo a tshwanetse go phepafadiwa ka gore mohero le o ne o oka diji. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Goodhope

Event : Potsolotso

Date : 18 Feb 2025