Breaking News

Tshwetso ka moepo wa BCL e a sekasekwa

18 Feb 2025

Tshwetso ka isago ya moepo o e kileng yabo e le wa BCL, o o neng wa tswala ka 2016 e tlaa rolwa ka Moranang.

Tona wa Lephata la Ditswa Mmung le Kgotetso, Mme Bogolo Kenewendo o tlhalositse se mo phuthegong e e neng e tshwerwe ka Tshipi kwa Selebi-Phikwe, e maikaelelo a yone e neng e le go lekodisa badiri ba pele ba moepo oo ka tse puso e di dirang go rarabolola dikgang tse di amanang le go tswalwa ga moepo.

Mme Kenewendo a re puso e itemogela fa dingwe ditshwetso tse di tserweng di beile badiri bangwe ka fa mosing fa bangwe ba setse ka ketsaetsego. A re dikgang tse puso e tlaa itebaganyang le tsone ke go dira ditshekatsheko ka dituelo (benefits) tsa badiri ba moepo morago ga go tswa mo tirong, thekiso ya dithoto tsa moepo di akaretsa matlo le tse dingwe.

Tona Kenewendo a re puso e itse ka dikgwetlho tse badiri ba mopeo ba leng mo go tsone, mabapi le matlo a ba santseng ba nna mo go one mme ba retelelwa ke go a reka, ka mabaka a ditlhotlhwa tse di kwa godimo.

O kopile badiri go nna pelo telele, a re ditshekatsheko tse di dirwang di tlaa tsaya nako ebile di tlaa dirwa ka fa molaong, a solofetsa fa go tlaa nna le tekodiso ka dipe dikgato tse di tsewang. A re dingwe ditshekatsheko di tlaa batla megopolo mo makalaneng a babueledi a badiri ba moepo le ba na-le seabe ka go farolgana mme a gatelela botlhokwa jwa tirisano mmogo.

Tona wa lpehata la merero ya Ofisi ya ga Tautona, Rre Moeti Mohwasa o supile fa puso e itse ka dikgwetlho tse badiri ba di raletseng a re e ga se nako ya go supana ka menwana. Le ene o gateletse botlhokwa jwa go dirisa ditsela tse di maleba ebile di amogelesega go rarabolola dikgang tse. A re se, ke go supa fa puso e tsaya ditshwanelo tsa badiri bao ka tlhoafalo.

Modiri mongwe wa pele, Rre Joseph Tsimako o iteetse puso legofi, a supa fa tekodiso e ba e fiwang e supa kgatelo pele ebile e solofetsa fa selelo sa bone se tlaa arabiwa. A re tekodiso ka tse puso e di dirang mabapi le go rarabolola dikgwetlho tsa bone ke yone therisano e ba sa bolong go e lopa.

Rre Tsimako a re se, se supa fa dilo di direlwa mo pontsheng le ka boikarabelo jo bo eletsegang, selo se a reng se supa gape fa puso e baya dikeletso tsa bone kwa pele ebile e di tsaya tsiya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego

Date : 18 Feb 2025