Tshireletso ya bagodi e botlhokwa
17 Feb 2025
Monni wa Lobatse yo o tswang kgakala a inaakantse le go tlhokomela bagodi, Mme Gaulefufa Bareeleng a re go botlhokwa gore bagodi ba direlwe molao o o haphegileng go ba sireletsa ka bangwe ba bone ba kgokgontshiwa ke bana mme go sena molao o o lebaganeng le seo ntleng le molao wa botlhe.
Mme Bareeleng o buile se mo moletlong o o neng o rulaganyeditswe bagodi go ipelela letsatsi la baratani ka Labotlhano mo Lobatse. Moletlo o, o ne o rulagantswe ke ba komiti ya ditlhabololo ya Peleng Bophirima.
Mme Bareeleng o supile fa mo molao motheong wa lefatshe leno, batho botlhe ba na le thulaganyo ya go sirelediwa mme bagolo bone go sena fa ba nankolwang teng fela jaaka go na le melao e e sireletsang bana le bomme.
O tsweletse a supa fa bagodi ba kgokgontshiwa mo malwapeng e le a bone, ebile gape go sena molao o o tlamang bana ba bone gore ba ba tlhokomele. A re go botlhokwa gore seo se sekasekwe.
Mme Bareeleng o tlhalositse fa malwetsi mangwe a bagodi ba a lwalang jaaka a madi a a kwa godimo a bakiwa ke gore bana ga ba tseye bagodi ka fa go tshwanetseng ka jalo puso e tshwanetse ya tlhodumela dikgang tsa kgokgontsho ya bagodi.
Kgosi wa kgaolo ya Peleng mo Lobatse, mme Tebogo Kemoabe o lebogetse ba komiti eo go tlotla bagodi le go ba fa lerato ka letsatsi la baratani, a supa jalo gore lerato le aga malwapa le metse.
Mogolwane go tswa kokelwaneng ya Peleng Central, Rre Tony Ngwenya a re lerato ke konokono mme go botlhokwa go le abelana le bagodi.
O boletese gore mo dinakong tsa gompieno tse botshelo bo tabogileng, go le gantsi bagodi ba a lebalwa a tlatsa ka gore kwa mafatsheng a mangwe ba bewa kwa go haphegileng kwa mafelong a ba tlhokomelelwang mo go one.
A re mo Botswana seo ga se ise se fitlhelelwe ka gore ba santse ba nna mo malwapeng mme e bile bangwe ba santse ba kgona go ba phutha ba ipela le bone.
A re mme seo se tsisa pharologanyo e kgolo mo botsogong jwa bone ka dipelo di a fola, malwetsi a a kokobela, mewa e a wela fa ba kopana go kgaogana senkgwe, le go ipela mmogo ba lakasela ba kgabile.
O tlhaloseditse bagodi gore balwetsi ba madi a matona le sukiri ba ba ntseng ba lekodisiwa nako nngwe le nngwe kwa kokelwaneng ya Peleng jaanong ba tlaa simolola go bonwa fela ka letsatsi la Laboraro mongwe le mongwe e le tsela nngwe ya go tokafatsa ditirelo tsa botsogo.
Ka jalo a ba rotloetsa go itlhatlhobela sukiri le madi a matona kgapetsa-kgapetsa gore ba bone thuso nako e sale teng.
Fa a leboga mo boemong jwa bagodi, mme Ntebogang Mogapi a re moletlo oo, o o tshwarwang ngwaga le ngwaga o tlhapisa pelo e bile ke tsela nngwe ya go lapolosa tlhaloganyo, go itlosa bodutu e le bagodi.
O lebogetse Mme Bareeleng le ba komiti ya ditlhabololo go rulaganya moletlo oo go ipela le bagodi. A re go dira jalo ba setse molao wa tumelo ya Sekeresete wa “Tlotla mmago le rraago gore malatsi a gago a nne maleele mo lefatsheng le Jehofa Modimo o le go neileng.”
Mme Mogapi a re go botlhokwa gore motho a itlotle pele gore le ba bangwe ba tle ba mo tlotle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Ipelelo letsatsi la baratani
Date : 17 Feb 2025