Mopalamente o tlaa thusa banni ba kgaolo ya gagwe
17 Feb 2025
Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane yo e bileng ele tona wa lephata la metshameko le bodiragatsi, Rre Jacob Kelebeng a re ona le maikaelelo a go thama lekgotla le le tla thusang banni ba kgaolo ya gagwe.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Motokwe bosheng, Rre Kelebeng a re lekgotla leo le tlaa bo le itebagantse le go thusa ba-na-le bogole, go tokafatsa thuto le metshameko le go thusa batho ba ba amilweng ke lehuma mo kgaolong ya gagwe.
Tona Kelebeng a re o dumela gore e le mopalamente o tshwanetse go nna le seabe sa go thusa banni ba kgaolo ya gagwe. Le fa go ntse jalo a re otlaa tswelela ka go begela puso dikgwetlho tse di apereng banni ba kgaolo.
O ne gape a supa gore lephata le a le eteletseng pele lena le maikaelelo a go busetsa metshameko kwa dikolong e bile o tsweletse ka go buisana le ba tsaa karolo go bona gore metshameko e ka busediwa jang kwa dikolong.
A re go botlhokwa gore metshameko e boele mo dikolong gore bana ba ba nang le bokgoni le talente mo metshamekong banne le sebaka sa go e godisa.
A re go setse go supagetse gore motho o ka itshetsa ka metshameko, a a fa sekai ka sekgantshwane sa lebelo e bong Letsile Tebogo yo a neng a tsholeletsa folaga ya lefatshe leno kwa mankalengkaleng ngwaga oo fitileng fa a nna mmampudi wa ditshabatshaba.
O ne a tlatsa ka gore puso ya UDC le yone e ikemeseditse go godisa mohama wa bodiragatsi go fetlha itsholelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Motokwe
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 17 Feb 2025