Mohwasa o gomotsa boora Dikolobe
16 Feb 2025
Tona wa Ofisi ya ga Tautona Rre Moeti Mohwasa o ne a etela lelwapa la boora Dikolobe kwa kgotleng ya Goo-Ntloedibe kwa Molepolole go ba gomotsa morago ga tatlhegelo ya motsadi wa bone, Mmashaole Dikolobe yo o tlhokafetseng kgwedi eno e le malatsi a le marataro.
E rile a bua le ba lelwapa ka Labotlhano, Rre Mohwasa a re go maleba gore a tle go ba lekola le gone go ba gomotsa ka jaana ba dira le ngwana wa motsadi yo o tlhokafetseng.
A re tiro e kopanya babereki, ka ba nna mmogo nako e ntsi, mme seo se dira gore botsala jwa bone bo gole go ya le kwa malwapeng.
Tona Mohwasa o ne a supa fa tsholofelo e le gore ka nako ya mathata ba emane nokeng le gone go neelana kgomotso.
A re o dumela gore boora Dikolobe ba nnile lesego gore ba godisitswe ke motsadi wa bone go fitlha e nna banna le basadi ka bangwe ba tlhokile lesego leo.
A re le fa go ntse jalo, loso ga se selo se se tlwaelwang ka le utlwisa botlhoko mme kgomotso e tswa Modimong.
Ngwana wa ga Mme Dikolobe, e bong Rre Kabo Dikolobe a re go sa ntse go le bokete mo go bone, mme ba tlaa tshwanelwa ke go amogela ka jaana thato ya Modimo e diragatse.
Rre Dikolobe a re Mme mmaagwe o tlhokafala a le dingwaga tse di masome a ferabobedi le bobedi (82). O bolokilwe ka Matlhatso kgwedi ya Tlhakole e le lesome le botlhano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Molepolole
Event : kgomotso
Date : 16 Feb 2025