Breaking News

Borre ba ikuela kgatlhanong le kgokgontsho

16 Feb 2025

Borre ba supile fa ba tshelela mo kgatelelong ya kgokgontsho segolo jang  fa go tla dikgang tse di amang kgodiso ya bana.

 Ba tlhalositse jalo mo thuto-puisanong e e neng e tshwaretswe kwa Kanye bosheng,  bare go le gantsi, kgokgontsho e tswa ko go bo mmabana go fitlha ko batsaya karolong bangwe ba ba tshereganyang.

Thuto-puisano e ne e itebagantse le botsogo jwa badiri ba bo rre mo lephateng la botsogo mo kgaolong ya Kanye.

Mongwe wa batsaya karolo, Rre Vincent Mothusi o boletse fa gole gantsi mmaagwe ngwana a ikgagapelela ngwana mo kgodisong ya gagwe fa batsadi ba kgaogane, Are se, se felela se, baka kgotlhang e e nang le bokgoni ja go kgotletsa kgokgontsho ya maikutlo mo go botlhe ba ba amegang.

Bangwe ba tsaya karolo ba ne ba tlhalosa gore mo go rarabololeng dikgang tse, ba sepodisi ba felela ba ba baya ka fa mosing,  ba tsaya letlhakore la bomme.

Ba supile fa bangwe ba kgokgontshiwa ka go pateletswa go tlhokomela bana ba e seng ba bone.

Bare mo mabakeng mangwe,  mapodisi a a tshwarang dikgetse itlhele ba itsane le batswa setlhabelo mme seo, se dire gore ba tsee letlhakore.

Fa a ntsha kgakololo, modiri mo lephateng la Bong, Mme Senwelo Mantata, o ne a tlhalosa fa sepodisi se na le lekalana la bong le tshireletso ya bana mo Kanye.

A re lekalana le, le dirilwe ka maikaelelo a go leka go hema dikgang tsa go tlaopiwa ga batswa setlhabelo ka nako ya fa ba kopa thuso.

O ne a tlatsa ka gore ba sepodisi ba rutuntshitswe mo go tsa tshireletsego le molao ka jalo go babalesegile go thusiwa mo lekalaneng leo.

O ne a ba gakolola gore ba na le tshwanelo ya go kopa mogolwane wa sepodisi fa ba sa thusiwa ka fa go haphegileng.

Mo dikgannyeng tsa kgodiso ya bana, Mme Mantata o ne a tlhalosetsa borre gore ka fa molaong, ngwana o tshwanetse go itse batsadi ba gagwe botlhe go sa kgathalesege gore a batsadi boo babedi ba mo dikgolaganong tse di farologanyeng.

Are mo tlhokomelong ya ngwana, ga gona yoo nang le tshwanelo ya go kganela yo mongwe go bona ngwana. A re go tlhokomela ngwana le go bona ngwana ke dilo tse pedi tse di farologanyeng

Mme Mantata a re e re lentswa molao wa lekgotla la Setswana o sa kwalwa, o dirisiwa go tshereganya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Thuto-puisano

Date : 16 Feb 2025