Breaking News

Rev Tselaesele o diretse lefatshe ka botswapelo

16 Feb 2025

Dibui ka go farologana di kaile fa moswi Rev. Sylvester Tselaesele, yo o bereketseng lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi ele modulasetilo,  e ne e le moeteledipele wa popota.

Rev. Tselaesele, yo gape e neng e le moruti wa kereke ya UCCSA o tlhokafetse ka Labobedi kgwedi eno e le lesome le bongwe morago ga  go kubegelwa ke bolwetse.

Fa a bua kwa letsatsing la segopotso sa gagwe kwa Tsabong ka Labone, mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi, Rre Nicholas Motlogelwa, o supile fa Rev. Tselaesele a ne a le tlhaga e bile a rata go tlhomamisa gore ditirelo tsa kabo lefatshe di dirwa ka tekatekano.

 O tlhalositse fa a ne a eteletse pele lekgotla leo ka botswerere le boikarabelo, selo se se thusitseng gore le seka la tsogelwa ke mekubukubu ya dikgang tsa go tlhoka go aba lefatshe ka fa go tshwanetseng.

Rre Motlogelwa o ne a tlhalosa fa Rev. Tselaesele a diretse lefatshe ka a kile a nna morutabana, e bile a berekile mo dikgaolong tse di farologanyeng, pele a  tlogela tiro ka bogodi.

Rev. Tselaesele a ne a thapiwa ke lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi e le leloko ka ngwaga wa 2017 mo lobakeng lwa ngwaga tse tharo.

 Ka ntlha ya bonatla jwa gagwe, Rre Motlogelwa are Rev. Tselaesele o ne a nopolwa mo go ba bangwe go nna mothusa modulasetilo wa lekgotla leo ka ngwaga wa 2018-2019.

Rre Motlogelwa o supile fa Rev. Tselaesele a ne a tswelela ka go dira ka bonatla mme a tlhatlosiwa maemo go nna modulasetilo ka ngwaga wa 2020, maemo aa tshegeditseng go fitlhela a tlhokafala.

Rev. Tselaesele o gakologelwa gape ka go tlhotlha le go sekaseka dikgang tsa kabo ya lefatshe mo go tseneletseng ka boikarabelo le botlhale a sa sokamela ntlha e nngwe

Fa a lekodisa batsena segopotso, Rre Motlogelwa o tlhalositse fa Rev. Tselaesele a ne a kubugelwa ke bolwetse mme a robatswa kwa kokelong ya Hukuntsi kwa le gone a neng a  romelwa kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone mme ka go tlhoka lesego a tlhokafala a le mo tseleng.

Fa a tswa la gagwe, molaodi kwa Kgalagadi, Rre Levis Thupa one a supa fa modulasetilo e ne e le mogaka ka a segile tema le go tlogela motlhala mo lekgotleng la kabo ditsha.

Rre Thupa o boletse fa Rev. Tselaesele a tshedile botshelo jo bo nang le seriti ebile a diretse puso ka botswapelo.

Rev. Tselaesele o bolokilwe kwa Lokgwabe ka Matlhatso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Segopotso

Date : 16 Feb 2025