Leshomo o itshetsa ka mekgabisa
13 Feb 2025
Go le gantsi, motho fa a setse a ya kwa dingwageng tsa bogodi kana e setse e le mogodi, o sala a le nosi mme a jewe ke bodutu ka bana ba gagwe ba a bo ba godile mme ba nna kwa magabone.
Fa a bua mo potsolosong, Mme Ratanang Leshomo wa Tamasane kwa kgaolong ya Tswapong Bokone, a re e rile a sena go tlhagelwa ke seemo seo sa go sala a le nosi mo lwapeng a tlelwa ke toro ya gore a dire sengwe se se tlaa dirang gore a seka a nna le dikakanyo tsa gore o jewa ke bodutu mme a simolola go dira ditiro tsa diatla, tse di farologaneng.
A re go dira ditiro tseo tsa diatla, go a mo thusa ka e bile gape a kile a nna le seemo se se neng sa mo tshikinya maikutlo mme a supa fa tiro ya diatla e mo thusa go sidila maikutlo le tlhaloganyo.
Ka a rata dilo tse dintle, Mme Leshomo yo o dingwaga di masome a marataro le bongwe (61), o dira tsele le tsele gore a thuse mafelo a a farologaneng a tshwana le mo malwapeng, marekisetso, mafelo a bojanala kana a boroko (hotels) gore a nne le seriti.
O simolotse ka go dira mekgabisa e gantsi e bewang mo tafole e e jelang le mo dikamoreng tsa borobalo.
O tlhalositse fa mekgabisa e e nnang mo ditafoleng le e e dirisiwang mo dikamoreng tsa borobalo e le botlhokwa fela thata ka e naya mafelo ao seriti ebile e itumedisa le go kgatlha yo o leng mo lefelong leo.
Mme Leshomo o dirisa tse di farologaneng di tshwana le mabotlele a mannye a a galalelang a bo a a thathetsa megala mo go one go a dira gore a lebege bontle. A bo a a taka ka mebala e e farologaneng.
O tsweletse ka go tlhalosa fa go na le tse dingwe tsa tlholego tse a di dirisang di tshwana le matlhare, a le one a a pentang mebala e e farologaneng. A re tse a di dirang tse, o intsha bodutu ka tsone e bile gape o a di rekisa gore a bone lemmenyana.
Fa a di rekisa jalo, o rurifatsa gore di mo maemong a a kgatlhang a bo a kwala megala ya gagwe mo go tsone gore yo o batlang go reka a mo leletse mme ka jalo go atolose kgwebo.
O tlhalositse fa se a se dirang se mo tlhatswa pelo ka o se dira ka lerato. A re mekgabisa e fa a e dira e na le metswako ya ngwao, a tlhalosa fa mekgabisa e e kile ya bo e dirwa dingwaga tsa a santse a le monana mme e boetse gape e dirwa.
Mme Leshomo a re o dira gape le dinkgo tse di tsenyang dithunya.Mme Leshomo o tsweletse a tlhalosa fa mekgabisa e ratwa thata ke bajanala bogolo jang ba ba tswang kwa mafatsheng a sele.
O supile fa mo dinakong tse dingwe a kgona go lelediwa ke batswakwa ba batla mekgabisa e a neng a e diretse dihotele mme a supa fa seo se mo kgothatsa fela thata.
A re o rotloeditswe thata ke Majestic 5 Hotel ka ba rekile dilwana tse di kgabisang mo mafelong a borobalo mme ka a ne a kwadile megala ya gagwe a felela a nna le ba a ba rekisetsang ba ba tswang kwa mafatsheng a sele.
A re o na le thotloetso thata e e tswang kwa khanseleng ya Palapye ka e kgona gp mo laletsa ditshupo ka jalo a bone bareki. Mme Leshomo a re mongwe le mongwe o filwe talente, mme talente e kgona go dira go le gontsi mo mothong.
A re talente e kgona go ntsha bodutu, e kgona go tshetsa motho e bile e kgona go ntsha motho mo diphatseng a rotloetsa bogolo segolo banana go inaakanya le yone.
Ka jalo o ne a rotloetsa botlhe go bona gore ba ka dira eng gore go nne le se se thusang mo diemong tse di farologaneng di tshwana le go tshwenyega mo tlhaloganyong le letlhoko la ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Potsoloso
Date : 13 Feb 2025