Breaking News

Kopong o saletse morago ka ditlhabololo - Bogatsu

13 Feb 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Lephephe, Rre Tshenolo Bogatsu, a re Kopong le fa e le motse o mogologolo, ditlhabologo tsa one ga di kalo.

“Kopong go ya ka maduo a palo ya batho e e fetileng, go kaiwa a na le batho ba le 15 000. Motse o o o latelang mo kgaolong e ya botlhophi o na le batho ba le 7 000. Motho o ka ipotsa gore fa motse o rwele morafe o o kana, go pala eng gore kgaolo e bidiwe ka one. Go kile ga nna bo Mmopane/Lentsweletau gompieno ke Lentsweletau/Lephephe,” Rre Bogatsu a supa.

Rre Bogatsu o buile se mo phuthegong ya kgotla bosheng. O kaile fa motse o ntse o sena babueledi a re se, se itshupa ka go nna o tlhoka go akarediwa le fa go fetolwa leina la kgaola mme o supile ka monwana morafe wa Basikwa ba Kopong go nna maoto a tshupa go tsibogela go emela motse wa bone ka dinao.
Mopalamente o kaile fa tharabololo ya seemo sa lenyora e tlaa goga ka lebaka.

Rre Bogatsu a re go a makatsa gore e re Kopong a bapile le Gaborone, a bo a tsewa fela jaaka o ka re o kgakala le ditlamelo.

Mopalamente, yo e leng morutabana wa pele wa Kopong Junior Secondary School, o supile fa a itse ka seemo sa mosuke wa bana kwa dikoleng tse di potlana tsa Letsholo le Molefe  gammogo le se segolwane sa Kopong JSS.

A re kwa Letsholo Primary School go na le baithuti ba feta 800 fa sa Molefe Primary School se na le baithuti ba feta 1 200.

Rre Bogatsu, a re kwa Letsholo baithuti ba ba nang le matlwana a barutelo ke ba lekwalo la bosupa le ba lekwalo la ntlha fa kwa Molefe le se segolwane go santse go na le bana ba ba rutelwang ka fa tlase ga ditlhare, seemo se a reng se tlhotlheletsa maduo a a reng ga a jese diwelang.

“Nako e tsile ya gore seemo se sa mosuke kwa dikoleng se rarabololwe, mme go molemo ka jaanong sekole se se botlana sa boraro se tsweletse ka go agiwa, ke dumela fa se tlaa thusa go tokafatsa seemo. Keletso yame ke gore Kopong JSS e fetolwe gonna sekole se akaretseng mophato wa ntlha go ya kwa go wa botlhano, go itsa gore bana ba motse o ba tlhole ba tletsetletse le lefatshe ba isiwa kwa le kwa ka gotwe ga ba itshware sentle ntswa ba tswa mo gae re ba godisitse e le bana ba nang le tsebe,” ga bua Rre Bogatsu.

Rre Bogatsu o tlhaloseditse banni gore puso ga e na madi ka e fitlhetse puso e e fetileng e tlhotlhorile dikgwama tsa setshaba, mme a kopa banni go ititaya ka thupana go leka go tlhama mebereko a re ba ka tshwaragana go dirisa matlotlo a tlholega a a mo tikologong ya bone e e gaufi le mantswe go dira dikgwebo tsa bojanala.

Fa a tlhalosa ka seemo sa madiadia sa masimo a balemi ba Tlhape le Kgaphamadi a a tserweng ke lephata la kabo ditsha la Mogoditshane, a re o gakolola balemi go itshwaraganya gore lentswe la bone le utlwale fa ba ya go kopa tharabololo ka seemo sa ditsholofetso tsa lephata la kabo ditsha gore ba fiwe dikarabo tse di maleba.

 

Rre Bogatsu o kopile bagodi gore e re fa dikamogelo tsa bone di sena go okediwa, ba ikhutse ka ba tswa kgakala ba direla lefatshe.

Monni mongwe, Rre France Seile, o kopile puso go rekisa dikgomo tsa matimela, go direla lefatshe letseno go na le gore di akolwe ke magodu a leruo.

Rre Sebetso Thubukwe ene o gakolotse puso go tsaya malebela kwa mafatsheng a a tlhabologileng jaaka China le Japan go leka go kopa ditsela tsa go tlhabolola lefatshe leno. BOKHUTSO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Kopong

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 13 Feb 2025