Ba Kang ba ngongorega ka kwelo tlase ya maduo
12 Feb 2025
Banni ba Kang ba ngongoregile ka maduo a a sa jeseng diwelang a dikole tsa motse oo, se, se bakwa ke maitseo a a makgasa a bana ba dikole le tlhaelo ya didirisiwa.
Ngongorego e, e dule kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mothusa Tautona, Rre Ndaba Gaolathe kwa motseng oo ka Labobedi kwa monana, Mme Oaitse Phikang a kopileng gore seemo se potlakelwe.
O kopile puso go thusa gore gongwe maduo a tokafale.
Mme Phikang a re ofisi ya banana e kwa Hukuntsi mme go latela dithuso tsa mananeo a banana teng, go ba lopa madi a mantsi, seemo se a supileng se ba ketefalela ka ba sa bereke.
Banni ba kopile puso go emisa go fa magodu a leruo tetla ya go emela ditsheko kwa ntle ga kgolegelo ka jaana ba ba apesitse kobo ka letshoba ka go ba busetsa kwa khumanengong.
Ba supile fa sengwe sa dilo tse di dirang gore Botswana Meat Commission e seka ya dira sentle ke bogodu jwa leruo ka bo dira gore barui ba retelelwe ke go e neela dikgomo tse di lekaneng.
Banni ba kopile gape gore puso e ba thuse ka lefelo le badiragatsi ba tlaa neng ba tshwarela dikgaisanyo le maitiso teng ka bontsi jwa bone mo motseng e le badiragatsi.
Ba kopile fa ba eletsa fa motse o ka nna le lephata la temo-thuo le lekanalana la BAMB gore le bone ba kgone go ungwelwa mo mananeong a puso ka go tlhoka dithuso tsa mofuta o, go dira gore fa puso e fokoditse ditlhotlhwa tsa melemo le dijo tsa leruo, bone ba seka ba roba sepe ka go sena one madirelo ao.
Mothusa Tautona o supile fa puso e tlaa ela dingongora tsa bone tlhoko mme ba tlaa leka thata go senka tharabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Kang
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 12 Feb 2025