Breaking News

Tharabololo e etla - Khan

12 Feb 2025

Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Arafat Khan o solofeditse banni ba kgaolo eo fa a tlaa emela letlhoko la metsi kwa Molepolole ka dinao.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa kgotleng ya Ntloolengwae ka Mosupologo,o tlhalositse fa puso e itse ka selelo sa bone sa letlhoko la metsi le le tswang kgakala.

A re nngwe ya mabaka a a dirileng gore a kope go nna moemedi wa bone kwa palamenteng ke go netefatsa gore tshotlego e ba nnileng mo go yone e ya fela. Rre Khan a re ka jaana metsi e le botshelo, fa go le lenyora, ditiro ka bontsi di a pala.

A re puso e itlamile go ntsha Batswana mo lehumeng le ba ntseng ba tshelela mo go lone.

Mopalamente Khan o ne a ba rurifaletsa fa tiro ya go anamisa metsi kwa Molepolole e se kgakala le go ajwa. A re mathata a metsi kwa Molepolole ke gore ga a goroge kwa malapeng mme gantsi morafe o bona metsi a tshologa mo mekgwatheng ka jaana diphaephe di le dikgologolo di tlhoka go baakanngwa.

O ne a supa fa tema e setse e segilwe ya go tokafatsa seemo sa metsi kwa Mokwena mme o dumela gore go ya pele dilo di tlaa tokafala.

Rre Khan a re e re ntswa a ne a tsile go ba dumedisa le go ba lebogela tlhopho ya Phalane ngogola, maikaelelo magolo a gagwe le makhanselara ke go isa Molepolole kwa pele.

O ne a leboga khamphani ya DiagnoFirm ka e dumetse go ya go phunya sediba kwa kokelong ya Scottish Livingstone go araba selelo sa letlhoko la metsi ka jaana ba a tlhoka bobe go dira ditiro tsa go thusa morafe.

A re o tlaa tswelela a bua le dikhamphani tse dingwe go thusa mo diemong tse dingwe tsa kgaolo.

Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a bolelela morafe fa diofisi tse dipotlana tsa sepodisi tse ba di solofeditsweng kwa Suping le Magokotswane di tlaa tswelela di agwa.

A re ba kopile go agelwa ofisi ya sepodisi ya selebego sa segompieno kwa Thari ya Banana, mme tona wa Ofisi ya ga Tautona o tlaa tla go e ba rolela semmuso.

Rre Khan a re gape tsela e e fetang Molepolole ka kwa ntle e tlaa dirwa go thusa go fokotsa mosuke mme ebile ka nako e e dirwang e tlaa tlhamela Batswana ditiro.

O ne a kopa morafe go bereka mmogo le baemedi ba bone ka go ba fa dikgakololo tse di ka thusang go isa motse kwa pele.

 E rile go le pele Kgosi Boyce Mookotsane wa Ntloolengwae, a lela ka go itontela nnotagi ga banana, mme go dira jalo go ba senyetsa bokamoso.

A ngongoregetse gore dibara di lala di letsa masigo, go ikinnwe mo dinong, go tsositswe modumo o e reng le go na le leso go seke go nne le tshisibalo e e tlhokegang.

Kgosi Mookotsane a re go marekisetso a bojalwa a le mantsi mo malapeng mme seemo seo se gakatsa borukutlhi le tiriso botlhaswa ya nnotagi, a tlatsa ka gore ditlhapa tse di buiwang koo di ka kgwisa motho sejeso.

O ne a kopa mopalamente go mo rekela ditilo tsa kgotla tse di nyeletseng ka bongwe ka bongwe morafe o ntse o di adima mo ditirong mme di busiwe di se mmogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 12 Feb 2025