Lephata la metsi le tlhalosa ditirelo
11 Feb 2025
Batswana ba tshwanetse go itlwaetsa go etela kwa diofising tsa lephata la metsi le kgopho metsi a a leswe go ithuta ka ditirelo tsa bone botoka, go itsa go felela ba tlola molao mabapi le metsi.
Mogolwane go tswa mo ofising ya lephata la metsi le kgopho ya metsi a a leswe mo Tsabong, Rre Phillimon Nguazireko o kgothaditse setshaba jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tsabong bosheng.
O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go tlhodumela metsi a a kwa tlase ga lefatshe go thusa puso mabapi le tse di tlaa tlhokegang le gone go tsaya ditshwetso tse di maleba mo ditogamaanong tsa puso ba lebeletse seemo sa metsi le selekanyo sa one.
Rre Nguazireko ne a supa fa go le botlhokwa gore beng ba didiba ba nne le diteseletso tsa didiba, a supa fa go dira teseletso ya sediba go lopa P200 go simolola ka 2010, e le koketsego go tswa mo go P60 yo o neng a duelwa go le pele.
A re ditumalano di akaretsa diteseletso tsa didiba, selekanyo se se dumalanweng go dirisiwa ke mong wa sediba ka letsatsi se tshwanetse go salwa morago ka dinako tsotlhe mme fa go sa diragale jalo lephata le ka tsaya dikgato tse di maleba.
O boletse fa go na le didiba di le masome a fera bobedi le bongwe mo kgaolong eo tse lephata le di tlhokometseng, mme mo go tsone di le lesome le borataro ba di tlhodumela gararo mo ngwageng go tlhatlhoba selekanyo sa metsi gore a ka dirisiwa lebaka le le kae le gone go a tlhatlhoba gore a borai jang mo leruong le mo bathong.
Mabapi le seemo sa go kgotlela tikologo, Rre Nguazireko o ne a gakolola beng ba didiba go ela tlhoko gore ba aga masaka kgakala le didiba le gone go gogela metsi kgakala le tsone go itsa kgotlelesego ya metsi.
Rre Elijah Makwana go tswa mo ofising ya metsi ene o ne a kgothatsa beng ba didiba go ntsha matlho mo dikgapheng mme ba sale morago ditsamaiso tsotlhe tsa kepo ya didiba le diteseletso go itsa kgotlhang le puso, le gone go jewa ntsoma ke beng ba dikhamphani tse di epang didiba.
O boletse gore go tlhodumela didiba gore di na le selekanyo sa metsi se se kae, go lebeletswe le selekanyo sa pula go thusa mo ditshekatshekong tsa kgolo ya motse le morafe gore a ka tsaya lebaka le le kae?
O ne a ne a tlhalosa fa go ikopela go reka kana go adima didiba tsa puso go letlelelwa Motswana mongwe le mongwe mme o tshwanetse gore a bo a se bone ka matlho e bile a itse le nomoro ya sone.
Rre Makwana o ne a bolela fa dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le badiri ba lephata la metsi fa ba ntse ba lekola didiba mo Kgalagadi e le gore bangwe ba beng ba didiba ga ba na diteseletso tsa metsi, selo se a ba tlhagisitseng go se tsibogela ka molao o letla go ka amogwa tiriso ya sediba.
Kgosi Baetseng Ntau wa Bogosing o ne a supa fa ba tswa kgakala ba jewa ntsoma ke beng ba diboro ka lebaka la go tlhoka kitso le go tlhaloganya ditsamaiso tsa kepo ya didiba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : phuthego ya kgotla
Date : 11 Feb 2025