Ntshang Omang mo diatleng tsa batswakwa
11 Feb 2025
Batswana ke bone ba thusang batswakwa go nna le dikarata tsa Omang, tlolo molao e e tshwanetseng ya begwa kwa mapodising.
Mogolwane kwa ofising ya Matsalo le Dintsho, Mme Gotshwanetse Kikanyane o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Mopalamente wa Gaborone Legare, Dr Phenyo Butale kwa kgaolwaneng ya botlhophi ya Boikhutso.
Mme Kikanyane a re bontsi jwa batho ba ba tsayang Omang ka tsela e e fosagetseng ke ba Zimbabwe, ba ba tlang ba gogwa ka mabogo ke Batswana ba bo ba ba supela ba ba bitsa bana ba bone ba madi.
“Ga go na gore motho o ka nna le Omang fa batsadi ba gagwe e se Batswana. Fela fa o bona motswakwa a na le Omang, o itse gore go na le mongwe Motswana yo o tswang go itira motsadi wa gagwe. A tswa go fa badirelapuso dikgang tse e seng tsone, a re ke nna mmaagwe,” a tlhalosa.
Mme Kikanyane a re mo bosuping jwa tsalo jo ba a bong ba bo beilwe pele, go a tlhomamisega gore motho yoo o na le tshwanelo ya go nna le Omang.
O ne a tlhalosa gore go dira jalo ke go rontsha Batswana ditshwanelo ka gore batswakwa bao, ba akola mananeo a a sa ba lebanang a diretswe beng-gae.
“A re emise go rekisa bo Omang. Fa o rekisetsa motswakwa Omang, o mo rekisetsa lefatshe, o ya Land board o ya go kopa setsha a phadisanya le wena. Kamoso o ikopela go duelelwa sekole o phadisanya le bana ba gago. Kamoso fa ba fetsa kwa bo mmadikole, o phadisanya le bana ba gago. Re kile ra utlwalela magatwe a gore ba tsaya madi a bo CEDA ba bo ba nyelela ba ya mafatsheng ba tlogetse dikoloto, e le rona re ba thusitseng,” a digela.
A re bontsi jwa dikgang di tswa fa batho ba tlhoka kutlwisisano mme yo mongwe a simolole go bege ise dikgang kwa ofising ya Matsalo le Dintsho.
Mo dikgannyeng tse dingwe a re ga ba itumedisiwe ke Batswana ba ba kwadisang ntshafatso ya Omang ba bo ba sa ye go mo tsaya.
A re batho bangwe ba ntshafatsa dikarata tsa Omang fa gongwe ba sa itse kwa ba beileng Omang teng mme e re ba mmona ba tlhokomologe yo ba mo kopileng. A re go dira jalo ke tlolo molao.
Mme Kikanyane o ne a araba potso e e neng e boditswe ke Mme Grace Monakwe yo o neng a tlhalosa fa a tshwentswe ke batswakwa ba ba nang le Omang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gontle Merafhe
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 11 Feb 2025