Breaking News

Puso e tlaa sekaseka molao wa bogosi

11 Feb 2025

Puso e tlaa sekaseka molao wa bogosi (Bogosi Act), wa 2008.

  Se se  builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Ketlhalefile Motshegwa, fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Sefhophe bosheng.

Rre Motshegwa yo gape e leng Tona wa tsa Selegae le Ngwao, a re tshekatsheko e, e lemoga boleng jwa bogosi mme e tlaa oketsa dithata tsa bogosi ga mmogo le go tokafatsa tiro ya bogosi go itepatepanya le diphetogo tsa sesha.

Rre Motshegwa o supile fa ditsetlana dingwe mo molaong o o mo tirisong di siilwe ke nako, a re dingwe di baya bogosi ka fa mosing, ka jalo a gatelela botlhokwa jwa tshekatsheko ya molao oo.

Tona Motshegwa o supile fa bogosi e le pilara ya setshaba, e bile bo na le seabe se se bonalang go aga setshaba se se kitlanyeng se tsibogela dikgang jaaka go lwantsha kgokgontsho ya bong, pabalelo ya ngwao, kagisano le tse dingwe ka go farologana.

 A re puso e tsaya tsia e bile e lemoga maiteko otlhe a a dirwang ke bogosi, ka jalo a re go shafatsa molao ke go lemoga boleng le dithata tsa bogosi mo mererong.

Go sale foo, Rre Motshegwa o supile fa lenaneo la Ipelegeng le tlaa tokafadiwa, a re badiri ba Ipelegeng ba tlaa tswelela ba rutuntshiwa ditiro tsa diatla ka go farolgana, se e le go ba fa sebaka sa go tlhabolola dikitso tse ba ka ikaegang ka tsone fa dingwaga di sa tlhole di ba letla go tswelela le lenaneo.

O tlhalositse gape fa puso e tlaa sekaseka go isa dingwe ditirelo kwa dikhanseleng, go imolola goromente yo motona morwalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Sefhophe

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 11 Feb 2025