Motsamai o rurifatsa maitlamo a puso
11 Feb 2025
Banni ba Kgomodiatshaba ba netefaleditswe fa puso e tlaa diragatsa maitlamo a e a beileng Batswana pele a go tokafatsa matshelo a bone.
Mothusa tona wa Metsi le Bonno, Rre Motsamai Motsamai o boletse jaana fa a ne a ile go lekola banni ba Kgomodiatshaba, e le bontlha jwa leeto la gagwe go lekola metse, metsana le bonno jwa batho ba ba kgakala le ditlamelo.
Rre Motsamai e re ntswa puso e e lebagane le dikgwetlho tsa madi tse di paledisang go tsamaisa puso, go dirwa go le gontsi go netefatsa gore botshelo bo a tswelela.
O boletse fa puso e tlaa tlhabolola mananeo a tshwana le la Ipelegeng go leka gore batho ba ithute sengwe mo go one ka jaana e le one a tsweletseng ka go tshegetsa malwapa a le mantsi kwa magaeng ka ditiro tse di thapelwang batho ka go ba refosanya.
Rre Motsamai o ba boleletse fa matlo a Self Help Housing Agency (SHHA) le a botlhoki a a agwang ka lenaneo la ga Tautona (Presidential Housing Appeal) le a mangwe a kago jaanong a tlaa seke a dirwe ka mokgwa o o tlwaelesegileng, e le go leka go sireletsa seriti sa ba ba agetsweng ka jaana gompieno matlo a mofuta oo a tshwana fela lefatshe ka bophara.
Mothusa Tona o ne a ba netefaletsa fa puso e tlhaloganya matshwenyego otlhe a ba tshelelang mo go one a tshwana le letlhoko la ditiro mo bananeng, mme a bolela fa puso e tlaa tsiboga ka go fokotsa banana ba ba sa dirang sentle kwa dikoleng go ba isa kwa go tsa ithutelo tiro ya diatla.
Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Dr Unity Dow o rotloeditse puso gore e itse kwa Motswana mongwe le mongwe a leng teng, le gore fa batho ba leng teng, ba ka dira eng se se ka ba tshetsang.
O buile jaana bogolo segolo a bua ka metsana ya Kgatleng Bophirima e akaretsa Kgomodiatshaba, Bodungwane le Khurutshe, kwa a reng batho ba a sokola ka jaana ba le kgakala le ditlamelo.
A re puso e tshwanetse go ipeela seelo sa gore metsana e, mo dingwageng tse some, e tshwanetse ya bo e le fa kae mo go tlhabologeng.
Dr Dow o ne a bolela fa a itumelela mafoko a ga tona a a reng dikgaolo di tlaa ithulaganya gore di batla madi a dikgaolo a Constituency Community Projects a dirisiwa jang.
A re go dira jalo go tlaa akaretsa matlhoko otlhe a metsana ka jaana bangwe le bangwe ba na le matlhoko a a pharologanyo le a ba bangwe.
Magolwane wa ditsela kwa Kgatleng, Mme Mosetsana Tabengwa, o boleletse banni fa puso e sa ikgatholosa seemo sa tsela e ba lelang ka yone ya Kgomodiatshaba-Artesia.
A re fa seemo sa madi se letla, e tlaa baakanngwa.
Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Artesia, Rre Babopi Malope ene o itsesitse banni fa go segilwe ditsha di le 622, go balelwa le lebala la motse le banni ba neng ba lela ka gore le tserwe mo morafeng go sena morero.
Mokwaledi wa khansele ya Kgatleng, Rre Poloko Mojalemotho ene o boletse fa khansele e tlaa tokafatsa ditirelo tsa dikokelo fa dikokelo di sena go rolelwa khansele semmuso.
A re khansele e tlaa tsibogela seemo sa go gokela motlakase wa letsatsi kwa sekoleng se sebotlana ka jaana banni ba ne ba ngongoregela gore sefetlha motlakase ga se bereke.
Mogolwane wa Water Utilities Cooperation, Rre Moses Dikgang ene o solofeditse banni fa khamphani eo e tlaa oketsa ditanka tsa metsi le gore di tlaa batlelwa modisa dikago, ka jaana banni ba ne ba ngongoregela gore metsi a ba a nwang ga a a babalesega.
Rre Dikgang o ne gape a ba solofetsa fa lekalana leo le tlaa nna le tla go duedisa morafe go ba fokoletsa mosepele wa go ya kwa Mochudi.
Modulasetilo wa ditlhabolo tsa motse, Rre Tshegofatso Keokilwe o kopile molaodi wa kgaolo, Mme Kolobetso Sejakgomo gore a ba thuse gore badirelapuso ba duele madi a a kolotwang a matlo a boroko, e leng palo gotlhe ya P38 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Kgomodiatshaba
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 11 Feb 2025