Breaking News

Lenaneo la ditoga maano le botlhokwa

10 Feb 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare Rre Ketlhalefile Motshegwa o tlhaloseditse banni ba Mmadinare fa go le botlhokwa gore kgaolo e nne le ditoga maano tsa ditlhabololo.

Rre Motshegwa yo e bileng e le Tona wa Dikgaolo le Merero ya Ngwao, o ne a bua se kwa phuthegong ya kgotla ka Labotlhano kwa Mmadinare. O ne a tlhalosa gore fela jaaka lefatshe le na le ditoga maano tsa ditlhabololo (NDP12), go botlhokwa gore le bone ba nne le lenaneo le le tlhomameng le le ka ba tsamaisetsang kgaolo bogolo jang mo go tsa ditlhabololo.

Rre Motshegwa o kaile fa se se tsile go thusa morafe go nna le seabe le go itse ka ditlhabololo tsa metse ya bone. A re ga go maleba gore morafe o bo o sa itse ka ditlhabololo tse di dirwang mo motseng wa bone le ntswa e le bone badirisi ba tsone.

O ne a re komiti e tlaa tlhophiwa go nna leitlho la morafe mme se se diragalang mo kgaolong tebang le ditlhabololo e begele morafe. O ne a re se se tsile go thusa thata go rarabolola dikgang ka nako e khutshwane go na le go letela diphuthego tsa kgotla tsa ga mopalamente.

Rre Motshegwa a re komiti e tlaa bo e agilwe ka boeteledipele jwa motse jaaka dikgosi, makhanselara, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le ba bangwe. Le fa go ntse jalo o ne a re go mo lenaneong gore boeteledipele jwa motse jaaka dikgosi le makhanselara ba nonotshiwe ka kitso le boikarabelo jo bo tseneletseng ka e le bone ba eteletseng morafe pele.

E ntse e le kwa phuthegong ya kgotla, Rre Motshegwa o ne a itsise banni fa maikaelelo a puso e le go tlhabolola melawana e e tsamaisang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go tsamaelana le seemo sa gompieno sa tiriso ya maranyane se se leng kwa godimo.

O ne a re nako e gorogile gore dikomiti tsa metse di rwale boikarabelo jwa go dira ditlhabololo di tshwana le kago ya matlo a badirelapuso mme ba tsenye madi mo letloleng. O tlhalositse fa dikomiti le mekgatlho di tlhoka batho ba ba nang le tebelopele le botlhale jwa go itebaganya le dikgwetlho tsa segompieno.

Rre Motshegwa o ne a rotloetsa komiti ya ditlhabololo go tshwaragana le ba Mmadinare Development Trust go bula matlhabelo ka a sale a tswalwa ka 2023. O ne a re go dira jalo go ka fokoletsa baji bareki le bagwebi ditshenyegelo ka ba ka tlhaba dikgomo kwa matlhabelong a Selebi Phikwe.

Mo dikakgelong,  mongwe wa banni, Rre Masego Shabane o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore puso e itebaganye le go tswala diphatlha tsotlhe tse go belaesegang di baka tshenyetso setshaba. Rre Shabane o ne a re puso e tshwanetse go tsenya leitlho dikgang tsa go aba ditiro tsa puso a tlhalosa fa e le nngwe ya tse tshenyetso setshaba e diragalang teng.

O ne a re ba solofetse thata gore puso ya nako eno e bereke ka natla go lwantsha tshenyetso setshaba ka bontsi jwa mapalamente le matona e le banana ba ba nang le tebelopele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Mmadinare

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 10 Feb 2025