Palapye People Project e simolodisa karata ya setlhopha
10 Feb 2025
Palapye People Project (PPP) e simolodisetse karata ya setlhopa ee fokoletsang badirisi ditlhwatlhwa kwa marekisetsong mangwe.
Maikaelelo a PPP ke go tsosolosa serodumo sa motshameko wa kgwele ya dinao kwa Palapye. Fa a bua kwa moletlong wa go simolodisa karata eo bosheng, mongwe wa basimolodi ba lenaneo la PPP Rre Ronald Kgomela a tlhalosa fa lenaneo la kgwele ya dinao le kwadisitswe ka fa molaong.
Rre Kgomela o boletse fa ba ne ba buisana le ditlhopha tsa Palapye tse tharo e bong Palapye United, Palapye Swallows le Palapye All Stars gore ba bope setlhopha se le sengwe se se nonofileng go ka gaisana ka batshameki ba ditlhopha tse. A re maikaelelo e ne e le go aga talente ya kgwele ya dinao gotswa kwa tlase.
Rre Kgomela a re ditlhopha tsa Palapye United le Palapye Swallows di ne tsa boela tumelano morago, mme ba sala ka setlhopha se le sengwe sa Palapye Stars. Ka jalo a re ba thusa setlhopha se ka go se tsamaisa le go se rotloetsa.
O ne a tlhalosa fa PPP e tshwaragane le dikgwebo di le masome a mabedi le bobedi le batho ba le lesome le boferabobediba ba rekileng diabe. Rre Kgomela a re bagwebi ba ba ikopantseng le bone ba thusa go rotloetsa lenaneo le.
A re fa o na le karata ya Palapye people project lifestyle dikhampani tse e leng bontlha bongwe jwa PPP di go fokoletsa ditlhwatlhwa go simolola ka 3% go ya kwa go 20% mo ditirelong tsa bone. Karata eo e dirwa ka madi a a kana ka makgolo a mararo. O ne a fa sekai ka sekole sa CrackIt se a reng se thusa bana ba ba sa dirang sentle mo ditlhatlhobong tsa JC le BGCSE ba ba tshamekelang setlhopha sa lenaneo le ka go ba fa dithuto tsa bone mahala.
Rre Kgomela o ne a rotloetsa banni le barati ba kgwele ya dinao go ikamanya le lenaneo le go rotloetsa setlhopha se se mo moonong o. Rre Kgomela o rotloeditse banni go tsaya karolo mo lenaneong le, a tlhalosang gore ga se la setlhopha sepe ke la banni ba Palapye.
Morulaganyi wa moletlo oo, Rre Molefhi Obenne o boletse fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go simolodisa karata le go rotloetsa tiriso ya lenaneo. A re ba kgobokantse dikhampani tse gore Batswana ba di lemoge ba utlwe ka ditirelo tsa tsone le go rurifatsa tshwaragano ya tsone le bone.
Rre Obenne a re ka madi a karata e ba thusa go tsamaisa lenaneo la PPP a tlhalosa gore ba na le ditlhopha tsa dingwaga tse di kwa tlase ga dingwaga tse 13, 14, 15, 17 le se se golwane. Rre Obenne a re ba ikaelela gore ba dire setlhopha sa bomme sa kgwele ya dinao, a tlhalosa gore mo tsamaong ya nako ba tlaa aga mabala a bolo.
Bagwebi ba supile fa bokopano jo bo ba thusa thata ka jaana ba emana nokeng le go amogana dikitso ka tsa kgwebo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Moletlo
Date : 10 Feb 2025