Breaking News

Modulasetilo o solofetsa phetogo ya ditirelo

10 Feb 2025

Modulasetilo wa khansele ya Palapye Rre Kabo Ketshogile o ikaelela go tlhoma letlole le le tlaa dirisiwang go dira ditiro tse di potlana mo kgaolong.

O buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng eo bosheng, fa a etetse banni go ba lekodisa ka tiro ya gagwe ya bodulasetilo jwa khansele. Rre Ketshogile a re o dira jalo ka a batla gore khansele ya Palapye e nne ya maemo a ntlha ka ditirelo.

O bile a gakolola komiti ya ditlhabololo tsa motse gore ditiro dingwe tse di potlana ga di tlhoke gore e emele khansele go di dira, ka jalo ba ka dirisa madi a komiti ba rera le khansele. A re ofisi ya gagwe e butse dikgoro gore ba e tsene ba sa tshabe sepe.

Rre Ketshogile o boleletse banni gore fa ba ile go kopa thuso kwa diofising tsa puso, ba netefatse gore ba thusiwa sentle fa go sa nna jalo ba kope go bona boeteledipele ka go latelelana ga jone. A re badirelapuso ka bontsi ba thusa setshaba sentle ka lorato mme fela ga go ke go tlhoka maidi a a reng a dira gore bagolo ba tshabe diofisi.

Rre Ketshogile a re ba ya go isa khansele kwa bathong ba tla le makalana otlhe a khansele go atametsa setshaba ditlamelo. O ba rotloeditse gore fa ba tlhopha dikomiti tsa motse ba tlhophe batho ba ba nang le bokgoni, a tlhalosa gore go le gantsi komiti ya ditlhabololo ya motse e tlhophiwa ka tshokamo go sa lejwa bokgoni jwa motho. Rre Ketshogile o ba kopile gore ba tshwaragane ba lwele ditlhabololo tsa kgaolo ba le seopo sengwe.

Banni ba ne ba lela ka seemo sa sekole se segolwane sa Mokgalo ba re ga se jese diwelang mo e bileng baithuti ba tswala matlo a bonno ka diteranka tsa mabeelo. Banni ba ne gape ba supa matshwenyego ka borukutlhi le bogodu jwa leruo mo kgaolong, ba tlhalosa fa kgang ya go ntshiwa ga badira melato gore ba letele tsheko kwa ntle e sa siama, ka jaana ba tswelela ba dira melato.

Fa a tlhalosa ka seemo sa sekole, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lecheng, Rre Lucus Molapisi a re sekole seo se onetse, se tlhoka dipaakanyo tse di tseneletseng ka bofefo. Rre Molapisi a re batsadi bangwe ba bana ba ba tswang kwa ntle ga Lecheng ba ne ba boela morago ka bana ba bone ba mophato wa ntlha ba ngomolwa pelo ke seemo sa sekole.

O bile a supa fa gape ba tlhaelelwa ke boroko jwa badirelapuso, ba sweleswetana le mosuke kwa kokelwaneng le dikhuti kwa sekoleng se sebotlana tse a reng di kotsi mo baithuting le barutabana.

Fa a tswa la gagwe, mothusa Molaodi wa kgaolo ya Palapye, Rre Tsholofelo Molobe o ne a tlhalosa fa kgang kgaolo ya badirelapuso e le go direla setshaba ba ntsha maduo. Rre Molobe a re fa ba sa thusiwe sentle bogogi jwa motse bo tshwanetse jwa itsese molaodi. A re badirelapuso ba tshwanetse ba tlhalosetsa setshaba ka mananeo a puso go ba thusa gore ba a tseye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Lecheng

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 10 Feb 2025