Baherero ba tsepame mo ngwaong
10 Feb 2025
Baherero ke bangwe ba merafe e e leng mo Botswana mme ba tlholega kwa Namibia.
Go ya ka ditso tsa bone ba ne ba tswa kwa lefatsheng leo ka nako ya ntwa ya bone le Majeremane ka 1884 morago ga go lemoga fa lefatshe leo le humile diphologolo le di-tswa mmung. Go bolelwa fa bontsi jwa morafe wa Baherero bo ne bo bolawa bo-setlhogo kwa ntweng eo, bogolo jang borre fa bangwe ba ne ba falola ka tshoba la mogodu go tla go nna baagedi mono.
Le mo nakong eno, Baherero ba santse ba le teng mo dikgaolong tse di farologanyeng mo lefatsheng leno.
Fa a bua mo letsatsing la go tsosolosa le go ipelela ngwao ya Baherero ba Otjiserandu kwa Omaweneno bosheng, Tona wa Metshameko le Bodiragatsi Rre Jacob Kelebeng o ne a supa fa ngwao e le botlhokwa ka e le sekao sa se morafe o leng sone. Tona Kelebeng o ne a tlhalosa gore ntswa merafe mo Botswana e farologana ka dingwao, ngwao a tshwanetse go tlotlwa le go e somarela gore le dikokomane tse di e fitlhele.
A re ngwao e tswa kgakala e tlotlwa le go tlotlomadiwa e bile e na le seabe se sentsi mo matshelong a batho. Rre Kelebeng o ne a adima mafoko a moitseanape mongwe Rre Robert Alan, a a reng ‘dipharologanyo tsa ngwao ga di a tshwanela go tsisa pharologanyo mo merafeng mme segolo di tshwanetse go tiisa popagano le seriti sa setho se se ka akolwang ke mongwe le mongwe’.
O ne a supa fa setlhare se se senang thito se ka seke se eme, ka jalo go le botlhokwa go nna le kitso ya merafe kwa e tlholegang teng le dingwao tsa yone, a tlhalosa fa go tlhoka go itse dingwao tsa bone le kwa ba tlholegang teng gore ke bomang ka jalo ba ka latlhegelwa ke serodumo sa gore ke bo mang ka jaana ngwao e le konokono ka e ka ba supegetsa kwa ba yang teng.
Tona Kelebeng o ne a akgola Baherero go bo ba phuthaganetse kwa motseng oo, maikaelelo e le go ikgakologelwa, go ithuta, go somarela le go tlotlomatsa ngwao ya bone e e tswang kgakala e ba fa seriti sa setho go ba betlela botshelo jwa letsatsi le letsatsi.
O ne a supa fa ngwao e bopaganya merafe mme o nne tshaba e le nngwe e e tlotlanang, e tshela ka kagiso le thokgamo lefatshe ka kakaretso. A re go tlhoka gore mongwe le mongwe a eme ka dinao go tlotlomatsa ngwao a bo a tswe ka methale ya go e nonotsha go na le go e nyeletsa.
Tona o ne a supa fa puso e itlamile go ema nokeng bodiragatsi ka dingwao tse di farologanyeng, mme a gwetlha badiragatsi go tsosolosa itsholelo ka go tokafatsa le go tlhabolola matshelo.
Fa a nankola ditso tsa Baherero, Brigadier Hangero Kapeko o ne a supa fa ba ne ba tshabela mo Botswana ka 1904 morago ga ntwa ya bone le Majeremane, e maikaelelo e neng e le go ba gapela sengwe le sengwe go akarediwa leruo le dithoto. O boletse fa ba ne ba tla go thibelela la ntlha kwa Kalkfontein, bangwe ba phatlalala mo mafelong a a farologanyeng jaaka Ngamiland, Gantsi, Kgalagadi, Mahalapye le dikgaolo tse dingwe.
Rre Kapeko o boletse fa bangwe ba bone ba ne ba thibelela mo Omaweneno mme ba kopa go bewa semmuso ka nako ya ga Mmamosadinyana ba bo ba neelwa sediba. A re motse o leina la one ke Borakanelo ka jaana merafe e ne ya tla go thibelela mo go one e akaretsa Baherero, Bakgalagadi, Makhalathe, Batlhaping le Barolong.
A re bangwe ba batsadi ba bone ba feletse ba gapelwa leruo kwa Namibia, ka jalo ba patelesega go bereka batho basweu go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone.
Kgosi Mbao Kahiko III, moemedi wa Ovaherero mo Botswana e bile e le mothusa modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi o ne a tlhalosa fa Baherero ba raletse diemo tse di botlhoko ka tshotlako e e tseneletseng go gaisa merafe e mengwe ka nako ya ntwa ya bone le Majeremane. Le fa go ntse jalo, o boletse fa morafe oo o sa ntse o itsetsepetse, o bopagane, go tlotlomatsa le go ipelafatsa ka ngwao le ntswa ba latlhegelwa ke teme ya Seherero, bogolo jang kwa Kgalagadi.
A re Baherero jaaka ba Omaweneno ba ne ba felela ba jakile teme ya Manama ka jaana ba ne ba tshela le bone morago ga gore le bone ba tlhaselwe ke Majeremane fa ba le kwa Namibia mme ba tshabela mo Botswana. Kgosi Kahiko III o ne a tlhalosa fa 95% ya Baherero e ikaegile ka leruo, mme dijo tsa bone e le nama, mashi le tse dingwe tsa setso, a supa fa ba ipela gape ka kapari ya bone e e nang le sekao sa morafe wa bone.
Fa a amogela baeng, Kgosi Samuel Bimbo o ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke go latlhegelwa ke teme ya Seherero ka mo nakong eno ba bua teme ya Manama (Bakgothu) mme se se molemo e le gore ba sa ntse ba ipelafatsa le go tlotlomatsa ngwao ya bone, bogolo jang kapari.
Kgosi Bimbo o ne a kopa Rre Kelebeng go ba buelela go thusiwa ka lefelo le ba ipelelang ngwao mo go lone semmuso, ka kopo e sale e isitswe kwa lekgotleng la kabo ditsha mme nako kgolo ke eno. O ne a tlatsa ka go kopa tona Kelebeng go thusa go tlhabolola lefelo leo ka go aga dikago maikaelelo e le go di dirisa go ithutela ditiro tsa Seherero le gone go ithuta teme.
Kgosi Bimbo o ne a supa fa banni ba kgaolo eo ba ikaegile ka temo-thuo, ka jalo a kopa puso phokoletso ya ditlhwatlhwa tsa leruo kwa marekisetsong a tsa leruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Omaweneno
Event : Ipelelo ngwao
Date : 10 Feb 2025