Tona o rola pego ya kgaoganyo madi
09 Feb 2025
E setse e le tlwaelo mo Botswana gore fa kgwedi ya Tlhakole e tsena, tona wa madi o rolela setshaba pego ya kgaoganyo ya madi a setshaba.
Pego e, e tsisa ditsholofelo mo bathong gore tona o tlaa rola eng se se tlaa tokafatsang matshelo a bone. E tlaa bo e le pego ya ntlha ya puso ya phathi ya Umbrella for Democratic Change, e e eteletsweng pele ke Tautona Advocate Duma Boko mme e tlaa rolwa ke mothusi wa gagwe, Rre Ndaba Gaolathe, yo gape e leng tona wa tsa madi mo letsatsing la gompieno.
Kwa kgaolong ya Barolong, molemi morui, Rre Gaone Tlhobogang a re o eletsa gore puso e ka dirisana le nngwe ya dibanka go thusa balemi barui ka madi, go sa kgathalesege gore a ke molemi morui yo mmotlana kana yo mogolo. A re o eletsa gape gore puso e batlele barui mmaraka o o nonofileng kwa ba ka rekisang teng ka gore mo bogompienong, thuo ga e sologele beng mosola.
Mme Tshoganetso Babedi morekisi wa dijo kwa Mongala Mall kwa Kanye o kaile fa a eletsa gore pego ya kabo ya madi e tle e bua sengwe ka dithuso tsa madi tsa bagwebi ba ba botlana, segolo jang ba dikgwebo tsa bone di setseng di dira. Mme Babedi a re lebaka la gore a re go sekasekelwe bagwebi ba ba botlana ba ba setseng ba gweba ke gore mo gongwe batho ba neelwa madi a go simolodisa dikgwebo mme tota e se sone se ba se batlang, madi a kabo a dirisitswe go thusa ba ba ekiteileng sehuba go gweba.
A re mo gongwe bokoa bo tswa mo go ba ba tlhomilweng go netefatsa gore ba ba a abetswe madi ba a dirisa jaaka go tshwanetse mme a kopa gore ntlha e, e tsenngwe leitlho. Mme Babedi a re kgwebo e kgona go simolola e bo e phutlhama, balebeledi ba ise ba e etele, go ya go bona ka fa e dirang ka teng.
Rre Letsholo Yane kwa Kanye o kopile puso go netefatsa gore madi a a kolotiwang dikhamphani tse di kileng tsa thapiwa go dira ditiro tsa puso a a duelwa. O supile fa se, se ka thusa malwapa a a ikaegileng ka letseno la go nna jalo le gore ditiro tsa mofuta o di thusa ba ba tlhokileng lesego la go bona tiro.
Rre Lefedile Andrek (65) wa Shakawe a re o solofetse gore mo pegong ya madi, puso e nankole gore e ya go diragatsa jang ditsholofetso tse e di beileng Batswana pele. Dingwe tsa tsone di akaretsa go okediwa ga madi a bagodi gammogo le go okeletsa bana ba ba tsenang kwa mmadikolo madi a itshetso.
Le fa gone a itumelela gore puso e itlamile go tokafatsa matshelo a Batswana, a re o dumela gore puso e ka bo e itlama go diragatsa ditsholofetso tseo ka bongwe ka bongwe ka jaana e santse e lebanwe ke namane e tona ya go baakanya itsholelo, mme a gatelela gore e simolole ka madi a bagodi gore ba kgone go itshetsa.
Monni wa Maun, Rre Seloilwe Seloilwe (43) a re tsholofelo ya gagwe ke gore puso e supe methale ya go rudisa itshololelo le gore e ya go tlhamela banana ditiro jang ka bontsi jwa bone ba saila mo mebileng ba sa bereke. A re tota ga a na tsholofelo e kalo ya gore puso e ka diragatsa ditsholofetso tsa yone ka ponyo ya leitlho ka gore madi ga a yo.
“Tota ga ke a solofela go le gontsi mo pegong ya madi ka gore puso e santse e lwa le go baakanya seemo sa itshololelo. Ke gore re nne pelo telele, re bo re ba eme nokeng gore ba kgone go fitlhelela toro ya bone,” Rre Seloilwe a tlhalosa.
Lephata la botsogo ke lengwe la maphata a a tshwanetseng go abelwa madi a a fa godingwana fa go kgaogangwa madi a setshaba mono ngwaga,.
Ka jalo, Rre Goabaone Ramosetlho (29) wa Letlhakane a re o solofetse go bona madi a mantsi a ya kwa ditirelong tsa botsogo a lebile gore melemo le ditlamelo tse dingwe di a tlhaela kwa dikokelong. A re sepodisi se abelwe madi a utlwalang, go thusa go reka dikoloi le go tokafatsa seemo sa boroko.
Kwa Selebi Phikwe, Rre Tshenyo Mamuke (31) a re o solofela gore puso e tswelele e dira maano a go tshwakanya itsholelo kwa Selebi Phikwe. A re letlhoko la ditiro kwa toropong eo le legolo fa e sa le moepo wa BCL o tswalwa. Le fa bangwe ba leka go ipelega ka go dira dikgwebo potlana, a re ba paledisiwa ke melao e e thata.
Rre Mmuke o kopile puso go tlhoma leitlho dikhamphani tsa batswakwa tse di gatelelang babereki, a re ga di kgathale go oketsa dituelo tsa babereki mme botshelo jone bo tsweletse ka go turela pele.
Mme Freddah Kebareng (74) wa Mmadinare e ne tsholofelo ya gagwe ke gore puso e oketse madi a bagodi jaaka fa e tshephisitse. A re mo godimo ga moo bagodi ba rutiwe tiriso ya madi gore maiteko a puso e seka ya nna a lefela. A re puso e tle ka maano a go tlhabolola lenaneo la Ipeleng ka le thusa go fokotsa tlhaelo ya ditiro le fa e se tiro ya sennela ruri.
Kaelo Kenneth (18) kwa Selebi Phikwe a re keletso ya gagwe ke go bona puso e dira ka gotlhe go tlhabolola thuto le bonno jwa bana ba ba nnang kwa dikoleng. A re sengwe gape se a eletsang puso e ka se tsenya leitlho ke dipatela tsa puso, a supa fa balwetsi ba nna mo meleng e meleele pele ba ka bona thuso, fa Mme Atlang Seome (21) le e ne e le monni wa Selebi Phikwe, a re o solofela gore puso e tlaa dira ka bojotlhe go tlhabolola metshameko ka go farologana.
A re go botlhokwa gore go rotloediwe metshameko go tswa kwa moding mme ebile go rotloediwe go nna teng ga metshameko ya gonna jalo kwa dikgaolong.
Kwa Letlhakeng, Rre Phetso Ngakaeaja (24) yo a dirang e le modisadikago a re tsholofelo ya gagwe ke gore puso e tlaa aba madi e itebagantse le go tlhabolola matshelo a Batswana, segolo jang banana. A re o eletsa fa puso e ka tsenya madi a mantsi mo ditirong tse di ka tlhamang mebereko, go hira banana ba ba gobeyang mo mekgwatheng.
“Ke solofetse gore madi mangwe a tlaa seegewelwa fa tlhoko go oketsa mananeo a banana gore ba dire dikgwebo go tlhama mebereko, ka jalo lephata la banana le tshwanetse go abelwa madi a mantsi gore banana ka bontsi ba bone dithuso ebile ba kgone go dira dikwebo tse ba ka itshetsang ka tsone,” Rre Ngakaeaja a tlhalosa.
Rre Ngakeaja, yo ikaileng e le mokapa ditshwantsho, a re banana ba na le ditalente mme ba tlhoka thotloetso, a re o eletsa puso e ka abela mohama wa bodiragatsi madi a a bonalang.
E ntse e le kwa Letlhakeng, Rre Tebogo Gopadileng (70) e ne o eletsa fa puso e ka laola ditlhwatlhwa kwa marekisetsong, a re jaaka puso e rotloetsa koketso ya dituelo tsa babereki ba ba kwa tlase (minimum wage), ditlhwatlhwa bogolo jang tsa dijo, di tsile go ya kwa godimo go bo go tshidisetsa batho mo lehumeng.
Rre Zhisani Sole (50) wa Maitengwe e ne a re ga a solofela sepe se se ntsi ka puso e supile fa madi a tlhaela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Potsoloso
Date : 09 Feb 2025