Ba rotloediwa go ithaopa
04 Feb 2025
Badiri le baeteledipele ba Mosetse le Marobela ba rotloeditswe go tsosolosa mowa wa boipelego go thusa go tlhabolola dikole tse di mo metseng oo.
Mothusa Tona wa Thuto e Kgolwane, Rre Justice Hunyepa o ba kgothaditse jalo jaaka a ne a etetse dikole tsa ithutelo tiro ya diatla kwa Mosetse le Marobela bosheng.
Rre Hunyepa a re fa ba ka ikopanya le dikhamphani tse di mo kgaolong ya bone, ba ka kgona go itirela ditlhabololo dingwe tse ba di tlhokang mo dikoleng.
A re puso e rotloetsa Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe sa go tsenya letsogo mo ditirong tsa boipelego le boithaopo.
Rre Hunyepa o ba gakolotse gore ba seka ba baya fela mo pusong gore e tlaa ba neela ditlamelo, are ba tshwanetse go dirisa dikhamphani di tshwana Botash le Kopano go tokafatsa seemo sa dikole.
A re lefatshe la Botswana le lebaganwe ke mathata a tlhaelo ya madi, ka jalo fa Batswana ba ka boela mo mokgweng wa bogologolo wa go nna le kgatlhego le go dira ditiro dingwe ka boithaopo dilo di ka tswelela.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Hunyepa a re puso e ikaeletse go tlhabolola dithuto tsa ithutelo ditiro tsa diatla gore banana ba ba ithutileng mo go tsone ba kgone go akola mananeo a puso ka dikitso tse ba di amuleng mo dikoleng tseo le go tlhama ditiro.
A re gape baithuti bao ba tlaa nna ba dirisiwa go baakanya dikole le diofisi tsa puso go lebilwe lemme le ba tlaa okelediwang ka lone la P2 500.
Mogokgo wa sekole sa ithutelo tiro sa Mosetse, se se rutang go baakanya dikoloi, Mme Toyi Mukani a re sekole seo, se ikaeletse go oketsa dithuto ka go tsenya thuto ya go baakanya ditsidifatsi, ya go aga le ya motlakase.
A re kgwetlho e ba nang le yone ke madi, ka go tlhokega P273 600 go baakanyetsa dithuto tseo.
Kwa Marobela, mothusa mogokgo, Rre Lingane Memo o ne a lela ka tlhaelo ya matlo a boroko jwa barutuntshi le go onala ga matlo a boroko a baithuti.
Rre Memo a re kgwetlho e nngwe ke tlhaelo ya barutuntshi le badiri bangwe mo sekoleng.
A re sekole seo se na le baithuti ba ba-tlhoka kutlo, mme ba sena barutuntshi ba ba rutetsweng go thusa baithuti ba go nna jalo.
O boletse fa motho yo o thusang go ranola puo ya diatla a thapilwe ka nakwana, ka jalo fa nako ya gagwe e wetse, baithuti bao ba a sokola.
Rre Tiego Rakgama a le kwa Mosetse o boletse fa ba saletse kwa morago thata mo dithutong tsa go baakanya dikoloi ka ba santse ba rutuntshiwa ka modiro wa dikoloi tsa bogologolo.
Seo se otleletswe ke Rre Phodisong Legoreng, yo o boletseng fa seo se ya go ba paledisa tiro ka ba ya go kopana le dikoloi tsa segompieno.
O ne a kopa puso go thusa dikole tseo gore dithuto tsa bone di tsamaelane le seemo sa nako tseno.
Babueledi ba baithuti ba dikole tseo ka bobedi ba supile matshwenyego a bone e le go tlhoka motlobo wa dibuka mo sekoleng le maranyane a Internet.
Ba re kitso le tiriso ya maranyane e ka ba thusa go ithuta dilo dingwe go tsweledisa dithuto tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Mosetse/Marobela
Event : Leeto
Date : 04 Feb 2025
Related News
29 Apr 2025
Tona o akgola BAGS
29 Apr 2025
Ngwana o thudilwe ke koloi
28 Apr 2025
Maranyane a tlhabolola itsholelo le matshelo
27 Apr 2025