Kgosi o tshwenngwa ke tiriso ya nnotagi
04 Feb 2025
Kgosi wa Mmashoro, Kgosi Opelo Disang a re o tshwenngwa ke bojalwa jwa khadi jo bo nowang ka dipalo tse di kwa godimo mo motseng wa gagwe.
Kgosi Disang o buile se fa a lekodisa mopalamente wa Serowe Bophirima Rre Onalepelo Kedikilwe ka botsogo jwa motse mo phuthegong ya kgotla bosheng.
Kgosi Disang a re bojalwa jo, ga bo ratholwe mo motseng, mme go belaesega bo tswa kwa Sowa.
O ne a supa gore batho ba ba nwang bojalwa jo, boitsholo jwa bone ga se jo bo eletsegang mo setshabeng.
Are letlhoko la koloi ya sepodisi mo motseng le dira gore go lwantsha boruthi go nne thata, a tlatsa ka gore koloi e e leng teng ba e amogana le ba Malatswae le Dimajwe.
O ne a supa fa motse wa Mmashoro o godile thata ebile o tlhoka go okeletswa dipalo tsa mapodisi ka gompieno ba na le ba le bane fela.
Mo tekodisong ya gagwe, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kefilwe Koboto, o lebogile ba lekgotla la kabo ditsha go bo ba kgonne go baya ditsha di le makgolo a ferabobedi, lesome le bone, a re seo se supa kgatelo pelo e bile le motse wa bone o tlaa gola.
Mongwe wa ba ba neng ba tsene phuthego, Mme Keotlogetswe Ramokongwa, o supile fa nako ya temo e tlaa feta ba ise ba beye tema ka tshukudu tsa temo le tsone dipeo di tlhaela.
O kopile gore ba letlelelwe go lema ba gasa ka go dira jalo ba ka tshwara bokgola.
O ne a kopa gore puso e seka seke molao wa gore motho a letlelelwe go emela tsheko a le kwa ntle, are seo ga sa rekegele maikutlo a ba lelwapa la motswasetlhabelo.
Mme Ramokongwa a re banana ba Mmashoro ba ja ditagi thata mo bontsi jwa bone e setseng e le balwetsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Mmashoro
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Feb 2025