Komiti ya balemi e kopa katso
04 Feb 2025
Modulasetilo wa komiti ya balemi ya Mabolawa, Rre Monkgogi Lenkamile o kopa gore komiti ya bone e atswiwe ka sengwe ka ba dira tiro ba ithaopile.
O buile se bosheng kwa masimong a Mabolawa mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi.
Rre Lenkamile a re bontsi jwa sebaka ba dirisa ditsompelo tsa bone go tsamaisa komiti.
Are fela jaaka dikomiti tse dingwe tse di dirang tiro ya boithaopo, go ka nna molemo fa ba ka lebogiwa ka lemmenyana.
O ne a tswelela a lekodisa mopalamente ka tse ba dikgonneng mo kgaolong ya bone, jaaka go agelela letamo la Mabolawa le sediba, le gone go aga ntlwana ya boitiketso kwa sedibeng ba dirisa ba bereki ba Ipelegeng.
O ne a supa fa ba tshwere ka natla go leka go baakanya ditsela tse di sentsweng ke dipula tse di neng tsa tshologa lefatshe ka bophara.
Rre Lenkamile o tlhalositse fa lenaneo la Temo Letlotlo le tsweletse sentle mo kgaolong ya bone a re ba kgonne go phaka dipeo ba bo ba lema.
Are dituelo tsa bo raditerekere ga di diege fa go sena bothata jwa maranyane, a re seo ba a se lebogela.
O ne a lekodisa mopalamente gore lefatshe fa ba leng teng le a phatlhoga fela jaaka kwa Hatsalatladi le Motshegaletau.
E rile a ba kgwa dikgaba, mopalamente a supa gore kgang ya go phatloga ga lefatshe ba e lebesitse maphata a a maleba.
Mopalamente are kgaolo ya Serowe Borwa e amegile go gaisa dikgaolo tse dingwe tsa Serowe morago ga dipula, mme a kopa banni go ipabalela are ba tepo loapi ba supa fa pula santse e tlaa tshologa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Serowe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Feb 2025