Hunyepa o kgothatsa boeteledipele
03 Feb 2025
Mopalamente wa Tati West, Rre Justin Hunyepa o kgothaditse dikgosi le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go direla dilo mo pontsheng go tila tshenyetso setshaba.
E rile a buisa dikgosi le maloko a komiti eo beke e e fetileng ka Labobedi kwa Masunga, Mopalamente a re ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba tshwanetse go rerisanya le morafe ha go sena madi gore morafe o thuse komiti.
A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse go fiwa dithata tsa go tlhabolola motse mme ba duelwa madi a itshetso a tiro e e molemo mo setshabeng e ba e dirang.
O tlhalositse fa dikgosi le komiti ya ditlhabololo tsa motse ba tshwanetse go fiwa dithata tse di tshwanetseng, mme se se ka diragala fa ba ka isiwa dithutong tse di maleba tse di tsamaelanang le ditiro tsa bone.
Rre Hunyepa a re ba tshwanetse gape go rutwa go rarabolola dikgotlhang mo metseng ya bone ka tekatekanyo go sena yo o belaelang gore kgosi kana ba komiti ba sekametse ntlha nngwe kana ba tsaya letlhakore.
O ne a tlhalosa fa dikgang tsa melelwane ya metse di diya ditlhabololo mo kgaolong ya bone, ka jalo di tshwanetse go tsewa ka matsetseleko ka di ka felela di kgaoganya morafe.
O ba kopile go batla bo maitsaanape ba ba itseng merero ya lefatshe mme ba bo ba dumalana gore tshwetso ya molelwane e ba tlaa e tsayang ba dumalane le yone fela jaaka go dirilwe ka kgang ya molelwane wa Sedudu o o kgaoganyang lefatshe la Botswana le Namibia.
Mopalamente o ne a supa kemonokeng ya gagwe mo dikgosing ka e le bone ba somaretseng ngwao le di-tsa tlholego tse di fitlhelwang mo kgaolong jaaka diaparo, dijo, mmino, poko le tse dingwe. O ba rotloeditse go tswelela ba somarela tikologo le matlotlo a tlholego a a fitlhelwang mo kgaolong ya bone.
Mo go tsa botsogo, Mopalamente Rre Hunyepa o ba tlhaloseditse ha bolwetse jwa HIV/AIDS bo tsweletse ka go anama, mme a ba gwetlha go rotloetsa setshaba go tswelela ba itshireletsa kgatlhanong le bolwetse jo.
“Go na le kgang e nngwe e e botlhoko ya kgokgontsho ya bong e mo go yone batho ba bolaanang,” Rre Hunyepa a tlhalosa.
A re dikgosi di tshwanetse go nna le tsela e ka yone ba buisanang le merafe ya bone go fenya kgokontsho. O kopile gore batsadi le bana kwa dikoleng ba rutwe gore botshelo ja motho bo botlhokwa e bile batho ba tshwanetse go tshela mmogo.
Mopalamente o ba tlhaloseditse fa gona le ba dikgwebo le babeeletsi ba ba nang le madi mme ba tlhoka lefatshe le ba ka direlang dikgwebo mo go lone. Ka jalo o ne a ba kopa go seegela fa thoko lefatshe le ba ka ngokang bagwebi go tla go dira dikgwebo ka se seka tlhabolola kgaolo ya bone.
Kgosi Maruje III o ne a tlhalosa ha lefatshe leno le segofaditswe ka dikgosi tse di agang setshaba gape di na le seabe sa go neela puso dikgakololo mo ditlhabololong tsa lefatshe.
Kgosi Maruje III a re puso ya Umbrella for Democratic Change e tsere marapo mo go ya Botswana Democratic Party mme e fitlhela go na le dikgwetlho tse ba tshwanetseng go feta ka tsone go agisanya kgaolo e le tse dingwe.
Kgosi a re mo nakong e e fetileng, mapalamente a Tati East le Tati West ba ne ba sa dirisanye, mme dipharologanyo tse tsa busetsa ditlhabololo tsa kgaolo kwa morago.
O kopile mopalamente go tsena diphuthego tsa khansele go kopanela kgang ya lefatshe la dipolasi tse di rekilweng mo go ba Tati Company go buisanya ka tiriso ya lone.
E rile a a kgwa mopalamente kgaba, Rre Shepard Mogapi a re ba Lephata la Diphologolo ba ba thuse ditlou tse di ba senyetsang kwa masimo ka jaana go setse go kile ga feta serapa sa ditlou di feta masome a matlhano.
Kgosi Sibangani Mosojane o ne a kopa gore go simololwe go tshwarwa diphuthego tsa kgotla ka mafelo a beke, a ba a tlhalosa fa kgang ya lefatshe la dipolasi tse di rekilweng e le sephiri mme a kopa gore go direlwe dilo mo pontsheng.
Rre Bethel Maripe ene o ne a supa fa dikago tsa kokelo ya Masunga di tlhoka dipaakanyo ka jaana mo nakong ya dipula metsi a tshologa gongwe le gongwe mo marulelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Masunga
Event : Phuthego
Date : 03 Feb 2025