Breaking News

Seemo sa ditsela tsa Kgalagadi se ngomola pelo

03 Feb 2025

 Mothusa Tona wa tsa Selegae le Ngwao, Rre Ignatius Moswaane a re seemo sa ditsela tsa Kgalagadi Bokone se ngomola pelo.

Rre Moswaane o buile jaana kwa phuthegong ya baeteledipele ba kgaolo eo, e e neng e tshwerwe kwa kgotleng kgolo ya Hukuntsi bosheng. O supile fa kgaolo ya Kgalagadi e saletse kwa morago thata mo ditlhabololong, jalo go tlhokafala gore puso e tsee kgato go bona gore go ka dirwa jang go thusa batho ba Kgalagadi Bokone.

A re o tlaa leka go ntsha bogakolodi kwa palamenteng go supa fa puso e tshwanelwa ke go leba kgaolo ya Kgalagadi ka leitlho le le faphegileng.  Rre Moswaane o ile a galaletsa badirela puso ba kgaolo eo, a supa fa ba nonofile e bile ba bereka ka botswapelo.

A re o itumeletse thata gore ntswa go sena ditsela tse di ba golaganyang le metse e ba isang ditlamelo kwa go tsone, ba tsweletse ka go dira tiro ka bokgabane. O ne a ba kgothatsa go tswelela ka go dira ka natla, a supa fa puso e beile mo go bone go isa ditlhabololo kwa merafeng ya metse e ba e thusang.

Rre Moswaane o ne a gakolola fa ba le mo bodirelapusong jo bosha, ka jalo a ba kgothatsa go dira ka bojotlhe gore ba ntshe maduo. O ne a ba kopa gore ba nne le tshwaragano e e tiileng le puso le bogosi gore ba kgone go direla batho ba kgaolo eo ditlhabololo tse di tlhokafalang. 

Rre Moswaane o ne a ba tlhomamisetsa gore ba seka ba nna ka letshogo ba akanya gore ba tsile go latlhegelwa ke ditiro ka ntlha ya gore puso e fetogile, a tlatsa ka go re ga go na modirelapuso ope yo o tsileng go senyegelwa ke tiro ka ntlha ya seo.

O ne a supa fa puso e itlamile go fetola botshelo jwa bone ka go sireletsa ditshwanelo tsa bone, a tlatsa ka go re go tlaa tlhokafala gore ba dire ka botswapelo. Rre Moswaane o ne a gakolola fa go tlhokafala gore khansele e ikemele ka dinao go bona tharabololo ka ditsela tsa motse. 

O gakolotse fa khansele e ka ithulaganya go dira diheke tse di duelwang mo ditseleng go dira letseno. A re thulaganyo ya mofuta oo, e ka thusa khansele go dira letseno, a tlatsa ka go re go dira jalo go ka thusa mo ditlhabololong tse dingwe tsa motse.

O gakolotse fa puso e santse e wetswe ke seru sa letlhoko la madi mo matloleng, mme a ba kgothatsa gore ba seka ba ipona tsapa, a supa fa jaanong e le nako ya go tla ka maano a a farologanyeng a go direla puso letseno.

Mo go tse dingwe, o supile fa puso e dirile thulaganyo ya go atolosa dikole tsa ithutelo tiro tsa diatla, a supa fa go tlaa agwa sekole se segolwane sa mohuta oo kwa Kgalagadi e le tsela ya go tsisa ditlhabololo mo kgaolong.

Rre Moswaane o supile fa dikoketso tsa madi a a neng a tshephisitswe ka nako ya ipapatso, a a akaretsang a Ipelegeng, a bagodi le bana ba dikole, di tlaa diragadiwa ka go latelelana. 

Fa a leboga, Mopalamente Reason Lekhutlane o supile fa a na le tshepho e tona mo bodirelapusong jwa kgaolo ya gagwe, a supa fa go bonala fa ba kgatlhegela go tlhabolola kgaolo ka ba tshwere ka natla.

A re kgaolo ya gagwe e saletse kwa morago mo ditlhabololong, ka jalo o tlaa itshwaraganya le matona a puso a a farologanyeng go ba lebisa seemo le dikgwetlho tse a di lebanweng.

Fa a amogela baeng, Kgosi Merapelo Tshweneyagae wa Hukuntsi o ne a ntsha ngongora ya gore ditlhabololo tsa Hukuntsi di saletse kwa morago go gaisa dikgaolo ka bontsi.

Rre Tshweneyagae o supile fa go le botlhokwa gore tsela ya Ncojane-Hukuntsi le Hukuntsi-Tsabong di tshelwe sekonotere, a supa fa ditsela tse di ka thusa go gokaganya batho ba Hukuntsi le merafe e mengwe ga mmogo le Afrika Borwa, Namibia le Angola.

Rre Tshweneyagae o tladitse ka gore ditsela tse di ka thusa go godisa itsholelo ya Hukuntsi le metse e e mabapi ka e tlaa ngoka bojanala, a tlatsa ka go re le yone temo-thuo e ka gola ka ntlha ya gore go tlaa nna motlhofo gore balemi-barui ba kgone go golagana le metse e mengwe bonolo.

Fa a latlhela la gagwe, Molaodi Veronica Rabakane o supile fa badirelapuso ba dira ka natla le botswapelo mo dikgaolong le fa ba ba na le dikgwetlho jaaka letlhoko la boroko. A re kgaolo ya Kgalagadi Bokone e saletse kwa morago ka tlhabologo, ka jalo bontsi jwa bodiredi bo sa rate go berekela kwa kgaolong e.

Mme Rabakane o kopile puso go atswa badirelapuso ba ba berekelang kwa dikgaolong tsa tengyanateng e le tsela ya go ba kgothatsa.  kg go nna jaana ba akanyediwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : Hukuntsi

Event : Phuthego

Date : 03 Feb 2025