Se feleng dipelo - Ramogapi
03 Feb 2025
Tona wa lephata la Metsi le Bonno, Rre Onneetse Ramogapi o kopile Batswana gore ba seka ba fela dipelo, ka jaana puso e dira gotlhe go diragatsa ditsholofetso tsa yone.
A re Batswana ba nne pelotelele mo go leteleng ditsholofetso tseo, ka puso e tlaa felela e di diragatsa.
Tona Ramogapi yo e leng mopalamente wa Palapye o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla bosheng, fa a ne a ile go lekola banni ba Jackalas No. 1 kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba.
A re puso ga e a lebala ka maitlamo a yone mme e tshwere phage ka mangana, ka jaana e bereka bosigo le motshegare go leka bojotlhe go ba tlamela le go diragatsa ditsholofetso tsa yone, a tlhalosa fa tiego ya go diragatsa seo e bakilwe ke tlhaelo ya madi e e santseng e apesitse puso kobo ka letshoba.
Maikaelelo a loeto la ga Rre Ramogapi e ne e le go lekodisa setshaba ka ditirelo le maikemisetso a lephata la gagwe mmogo le go ba lekola, gore a itse ka fa ba tshelang ka teng, mme phelelong ba kgone go batla ditsela tsa go tsibogela matshwenyego a ba ka tswang ba na le one.
Tona a re ka lefatshe leno e le la puso ya batho ka batho, tshwanelo ke gore jaanong batho ba beele kwa thoko mebala ya diphathi tsa sepolotiki mme ba goge ba le seopo sengwe le puso.
Go sale foo, Tona Ramogapi o gakolotse banni ba Jackalas No. 1 go ititaya ka thupana go tlhomamisa gore ba duelela tiriso ya metsi, a supa fa a tshwenngwa ke gore bangwe ga ba ke ba ipha tsapa la go duela metsi.
A re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya gore go duela ga bone, ke gone go ka thusang lephata gore le kgone go tsweledisa ditirelo tsa lone le gone go diragatsa maitlamo a puso a go fokotsa ditlhwatlhwa tsa metsi.
Rre Ramogapi o ne a tlhalosa fa sekoloto sa metsi sa Jackalas No. 1 se feta P3 million, go akarediwa tiriso ya mo malwapeng le makalana a puso.
E rile ba ntsha dingongora tsa bone ka go farologana, banni ba Jackalas No. 1 ba re ba tshwentswe segolo bogolo ke dituelo tse di kwa godimo tsa tiriso ya metsi, bangwe ba supa fa ba makadiwa ke go bo le malwapa a go senang ope mo go one a lopiwa dituelo tse di tsitsibanyang mmele.
Ka moo, ba ne ba itela mo go tona gore go tlhongwe leitlho dituelo tseo, bangwe ba supa fa ba le bete se molangwana go bo ba Water Utilities Corporation (WUC) ba seke ba ba sekegela tsebe fa ba ikuela tebang le dikoloto tse di kwa godimo.
Bangwe ba supa tlhobaelo ya go bo kgokelo ya tiriso ya dikarata tse di gang metsi, e simolodisitswe kwa Gaborone go na le gore e ka bo e simolotse kwa metseng selegae, kwa go nang le batho ba itsholelo e e kwa tlase.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba supa fa go setse go le dingwagangwaga ba lekgotla la kabo ditsha ba sa abe ditsha mo motseng wa bone, ba supa seo se tlamile bana bangwe ba motse go ya go batla ditsha go sele.
Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Jackalas No. 1, Rre Obert Takobana a re le ntswa seemo sa metsi se tokafetse mo motseng, fela go santse go na le tlhaelo mo dintlheng dingwe tsa motse.
O bile a tshwaela ka tlhaelo ya matlo a boroko jwa badirelapuso, a bolela fa e baka gore motse wa bone o seka wa nna le bodiredi bongwe jo bo tlhokafalang mo motseng.
Rre Takobana o supile fa ba kile ba solofediwa matlo a Botswana Housing Corporation (BHC) mme nako kgolo ke eno.
Fa a araba mabapi le tsa metsi, mogolwane wa WUC, Rre Gaselemogwe Senai o ne a gwetlha banni go dirisa metsi ka kelelelo, go tila gore ba felele ba lopiwa dituelo tse di kwa godimo, a tlatsa ka gore ba ele tlhoko medutlo mo malwapeng ka e na le seabe sa go ba okeletsa dikoloto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Jackalas No 1
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Feb 2025