Breaking News

Batlhopi ba rotloediwa go itsosa

22 Aug 2022

Batswana ba ba ba sekeng ba tlhopha ka ntata ya boitlhobogo ba rotloeditswe go tlogela mogopolo oo.

Se se builwe ke Moeteledipele wa Botswana Congress Party (BCP) Rre Dumelang Saleshando fa a simolodisa  dipuisano tsa phathi  ya gagwe le Alliance for Progressives (AP) ka Sontaga.

O tlhalositse fa dipuisano tsa bokopano jwa diphathi tsa kganetso di simologile ngogola.

Rre Saleshando o boletse fa  diphathi tse dingwe tsa Botswana Peoples Party (BPP), Botswana National Front (BNF) le Botswana Patriotic Front (BPF), di ikogetse morago.

Mme a re seo, ga se a ka sa kgoba ba BCP le AP marapo ka jaana ba tsweletse ka maikano a bokopano

Rre Saleshando a re ba ba sa tlhopheng, ka lebaka la gore ba setse ba tletswe ke boitlhobogo jwa gore ga go na se se ka dirwang go fetola puso, ba tshwanetswe ke go itsosa mme ba ye tlhabanong ka tsotlhe tse ba nang le tsone.

“Fa o ntse o bua le batho go  bonala  gore ditlhopo di ka re latlhegela ka lebaka la dipalo tse dintsi tsa batho ba ba sa tlhopeng, ka lebaka la boitlhobogo, mme go bo go raa gore phathi ya Botswana Democratic Party (BDP) e fenya ka dipalo tse di fetwang ke tsa batho ba ba nang le boitlhobogo ba sa tlhopa,” o ne a tlhalosa.

O tsweletse a re lefatshe la Botswana le faraferwe ke dikgwetlho di tshwana le tshenyetso sechaba, letlhoko la ditiro, thuto e sa tliseng maduo a nametsang le kalafi ya boleng jo bo ko tlase.

“Ke eletsa go bua le motlhopi yoo ko lwapeng ke re itsose Motswana o diragatse tlhopo ya gago o fetole seemo,” ga bua jalo Rre Saleshando.

O ne a re dipalo tsa Batswana tse di ko magaeng tse di tlelwang ke boitlhobogo ke one matlapa a ba a tlhokang go ya go fenya ditlhopo tse di latelang. Mme ka jalo a gwetlha Batswana go tsena mo mosepeleng o.

Rre Saleshando a re ke moo, jaanong ba latela le go laletsa Batswana gore ba bue se ba eletsang gore se ka dirwa go fetola seemo go tlisa Botswana o ba mo eletsang.

Fa a latlhela la gagwe, moeteledipele wa AP, Rre Ndaba Gaolathe o ne a gatelela gore ke nako ya go fetola seemo, mme a gwetlha makgotlhana a babereki, a sepolotiki, a dikereke le a mangwe ka go farologana go kopana, a re bokopano jwa botlhe ke bone fela bo ka diragatsang phetogo.

Rre Gaolathe a re Batswana ba tshwanetswe ke puso e nang le boammaruri, dilo di direlwa mo pontsheng le ka bonokopila, le ka boeteledipele jo bo kanokilweng sentle go ka diragatsa dikeletso tsa sechaba.

O tsweletse a re lefatshe la Botswana le tshwanetswe ke itsholelo e itshetletseng, ebile e na le thuto. “Itsholelo e e mashetla e e nonofileng e fa motho o tshelelang mo go yone thuto, e mo godisa ka se a leng sone,”

Rre Ndaba a tlhalosa. A re itsholelo e tsepameng e ruta motho gore o ka jesa jang ba lelwapa la gagwe, fa e e fokolang e sa godise ebile batho ba yone ga ba nke ba kgona go ikgodisa.

Rre Ndaba a re lefatshe la itsholelo e nonofileng le na le bokgoni jwa go tlhokomela bagodi, go fa sechaba botsogo jo bo lolameng, go ntsha ditiro le go godisa mohama wa itsholelo.

Baeteledipele boo babedi ba ne ba supa fa tirisano mmogo, le bokopano jo bo nang le nnete, bo direlwa mo pontsheng, ele jone bo ka isang lefatshe la Botswana kwa phetogong e eletswang ke botlhe, ya Botswana yo mosha.. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GABORONE

Event : Dipuisanyo

Date : 22 Aug 2022