MOLAETSA WA TSHALOMORAGO YA TAOLO YA SEEMO SA TSHOGANETSO COVID-19
06 Apr 2020
MOLAETSA WA TSHALOMORAGO YA TAOLO YA SEEMO SA TSHOGANETSO COVID-19
Batswana betsho, Puso e eletsa go itsise Setšhaba gore fa e sale Tautona wa lefatshe leno, Dr. Mokgweetsi Eric Keabatswe Masisi, a tlhoma seemo sa tshoganetso mo kgweding ya Mopitlo e ya fifing, ka maikaelelo a go thibela kanamo ya mogare wa Corona o o setseng o bolaile diketekete tsa batho lefatshe ka bophara, go bonala fa ditaelo dingwe tsa semolao tse re neng re laetswe go di sala morago mo pakeng ya seemo se, di itlhokomolosiwa.
Nngwe ya ditaelo tse, ke gore re nne mo malwapeng. Setšhaba se letlelelwa fela go tswa mo malwapeng ka teseletso, fa ba ya go batla ditlamelo tsa botlhokwa tsa botsogo, go reka dijo, jalojalo.
Puso e itemogetse gore go na le batho ba ba sa saleng taelo e morago, ka gore bangwe ba santse ba gobea mo mebileng bosigo le motshegare, le gore dipalo tsa batho ba ba kwa marekisetsong a dijo di santse di le kwa godimo fela thata, mme e bile di feta palo e e letlelesegang.
Go kgobokana go borai, ka gore o ka nna wa tsenwa ke mogare wa Corona ka go bapa le motho yo o nang le mogare wa Corona o sa lemoge, kana wena wa o o tsenya ba o bapileng nabo. Se se ka diragala ka gore dikai tsa mogare wa Corona ga di bonale ka bonako, mme le fa di sa bonale, mogare one o a bo o tshela, mme o ka tshelanwa. Pele ga o ka lemogiwa go na le kgonagalo ya gore o bo o setse o tshetswe mo go ba bangwe mme e bile o aname.
Bagaetsho, a re emiseng go gobea mo mebileng le go boaboela kwa marekisetsong, ka gore go dira jalo go re tsenya mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa Corona le go o anamisa.
Re kopa gore re sale taolo ya ga Tautona morago, ka gore go sa dira jalo ke tlolo-molao. Ditlamorago tsa go sa obamela molao ga di monate, ka gore motho o ka tseelwa dikgato ka semolao mme a otlhaiwa.
MOLAETSA O TLA KA: LEKOKO LE LE ROMILWENG KE TAUTONA GO LWANTSHA MOGARE WA COVID-19
Source : DailyNews online
Author : DailyNews online
Location : Gaborone
Event : Statement
Date : 06 Apr 2020