Tlhophang BDP - Siele
22 Jan 2013
Mopalamente wa kgaolo ya Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele, o kopile batlhophi go busetsa le go tlhopha phathi ya BDP mo ditlhophong tsa poeletso tsa bokhanselara tse di tlaa tshwarwang kgwedi e e tlang e fera bongwe kwa Mmathethe.
Kgaolo eo e setse e se na mokhanselara morago ga go tlhokafala ga mokhanselara wa BDP, Rre Abram Bashaene ngogola. Ba phathi ya BDP ba supile Rre Christopher Mojage mo phuthegong ya phatlalatsa ya polotiki ka bofelo jwa beke.
Rre Siele o boletse fa phathi ya BDP e le yone fela e e ka busang lefatshe leno ka e na le mananeo a a botlhokwa, a a thusang Batswana go ba ntsha mo lehumeng. O boletse fa mananeo a puso jaaka a banana, a thusa gore ba itlhamele mebereko e bile ba thape ba bangwe.
O boletse fa tlhaelo ya metsi mo Botswana e tlhobaetsa mme a bolela fa seemo se tlaa siama ka metsi a tlaa gogiwa go tswa kwa bokone jwa Botswana a tisiwa mo borwa.
O boletse fa ditlhabololo di tsweletse le mororo seemo sa itsholelo se sa ntse se le kwa tlase. O kgadile diphathi tsa kganetso go palelwa ke go bua boammaaruri fa ba kgala mananeo a puso.
Rre Mojage, o kopile banni ba Mmathethe go mo isa kwa khanseleng gore a ise dikopo tsa bone ka boammaaruri. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya phatlalatsa
Date : 22 Jan 2013