Bontlhopheng ba kgaolo ya MoshupaManyana ba a ngangiasana
14 Jun 2018
Ditlhopho tsa poeletso tsa bopalamente tsa Moshupa/Mayana di tshwarwa ka moso.
Pele ga seo, bo ntlhopheng ba babedi ebong Rre Karabo Gare wa Botswana Democratic Party (BDP) le wa Umbrella for Democratic Change (UDC) Rre Jonathan Sethono e rile ka Laboraro ba bo ba le mo ngangisanong gore batlhophi ba itseele tshwetso.
Ntlolohalahala ya sekole se segolwane sa Moshupa e ne e penolologa ka batlhophi ba ba neng ba tsile go bona borre bao ba ipapatsa.
Kgaolo ya Moshupa/Manyana e setse e sena moemedi morago ga gore mopalamente wa yone Rre Mokgweetsi Masisi a tsene mo maemong a botautona.
Bontlhopheng ba ne ba itsatsanka ka fa ba ka kgonang ka teng gore fa ba tlhophiwa ba ka dira eng go tlhabolola kgaolo le batho ba yone.
E rile a ba hesa go simolola go ipapatsa, motsamaisa dipuisano Rre Thebeyame Ramoroka a ba fa motsotso mongwe le mongwe wa bone go ipala mabala a kgaka.
Ga simolola Rre Gare yo o simolotseng a ipolela jaana; “Ke le moemedi wa phathi e e nonofileng ya BDP ke tsholwa mo motseng wa Moshupa. Ke diretse mophato wa botlhano mo Moshupa, mme ka ya Tirelo Setshaba kwa bokone jwa Botswana, pele ga ke ya mmadikole”.
A re o bereketse makala a a ikemetseng jaaka Botswana Railways, LEA le a mangwe, mme morago a ipereka.
Rre Gare o kopile bareetsi ba ba neng ba le mo mebaleng ya diphathi tsa bone gore a tlhophiwe ka a itse mathata a kgaolo ya Moshupa/Manyana.
O boleletse batlhophi fa a thusitse banana mo kgaolong go tokafatsa mananeo a bone, a ntse a rotloetsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao mo Moshupa, a tlatsa ka go re gape a nonofile go etelela batho pele.
O buile gape gore o tlaa kopa gore puso e leke go ithola ditiro di tsene thata mo batswaneng.
Rre Sethono ene o buile fa a tsholwa kwa Manyana, a ithutetse borutabana, a tsene sekole kwa Molepolole College of Education le mmadikole, mme a nna morutabana ka sebaka.
A re o ne a nna mogokgo, mme a tlhatlosiwa maemo go nna motlhokomedi wa dikole, a bo a nna mothusa mookamedi wa thuto.
Rre Sethono o boleletse batlhophi fa a nonofile go ya palamenteng, a bolela fa kgaolo ya Moshupa/Manyana e sena ditsela, ba kgangwa ke lenyora.
A re ka nako ya Water Affairs le khansele go ne go le botoka metsi a ne a le teng.
O boletse fa tsela ya Manyana/Moshupa ba sale ba solofetswa gore e tlaa dirwa, nako kgolo ke eno.
Rre Sethono a re ene fa a ka tlhophiwa, o tlaa dira gore e dirwe ka ponyo ya leitlho.
O boletse fa sepatela sa Moshupa go sale go buiwa ka sone mme kgang ga twe madi ga a yo. O tlhalositse fa phathi e e busang e paletswe, sa yone e le go solofetsa dinaledi fela go sena tswelelopele.
O boletse gape fa ditsela tsa Moshupa/Ralekgetho, Moshupa Letlhakane Bophirima go sale go buiwa ka tsone, mme go se nko e tswang lemina.
Rre Sethono a re banana ga ba na ditiro, mme ene o ka dira gole gontsi go thusa gore banana ba bereke. O ne a bolela fa mananeo a banana a sa tlhokomelwe sentle a bolela fa ba ba fiwang madi a dikgwebo ba sa di tlhokomele ka gore puso ga e ke e di sala morago.
O ngongoregile ka phiro ya badirelapuso, a bolela fa e emisitswe Batswana ba sena mebereko, mme ditiro dingwe di fiwa batswakwa.
O kopile batlhophi go mo tsenya mo palamenteng ka gore o itse mathata a tsa thuto, maduo a dikole a ya kwa tlase nako le nako. A re puso ga e reetse barutabana fa ba itela.
O boletse gape fa melemo e seyo mo dikokelong, a re fa a ka neelwa boeteledipele o tlaa dira go utlwala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Moshupa
Event : Ditlhophi
Date : 14 Jun 2018