Ke nako a re yeng go tlhopha
22 Oct 2014
Letsatsi la kamoso (October 24) ke la makgaolakgang.
Bontlhopheng ba ipapaditse. Jaanong go saletse motlhophi go tsaya tshwetso. Ka jalo re le barulaganyi ba pampiri ya dikgang ya DailyNews, re kgothatsa Motswana mongwe le mongwe yo o ikwadisitseng go ya go latlhela talama.
Kwa bofelong, a ba-na-le seabe botlhe; batlhophi, bontlhopheng, le balebeledi, ba ilele ditlhopho; ba dirisane sentle le batlhophisi go neela ditlhopho seriti se se di tshwanetseng.
Setshaba se itsisiwe gore ka Labotlhano Phalane a tlhola masome a mabedi le bone pampiri ya DailyNews e tlaa bo e se yo ka Batswana ba tlaa bo ba ile go diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha.
Le fa go ntse jalo, dikgang tse di amanang le ditlhopho o ka di bona mo webosaiting ya DailyNews (www.dailynews.gov.bw) le mo www.facebook.com/Dailynews.BW. Bokhutlo
Source : DailyNews
Author : DAILYNEWS
Location : GABORONE
Event : Kgothatso
Date : 22 Oct 2014