Banana ba itumeletse ditlhopho
22 Oct 2014
Banana bangwe ba kgaolo ya Gumare ba itumeletse ditlhopho tsa mono ngwaga fela thata.
Fa ba bua mo potsolotsong bosheng, banana ba supile fa e tla bo e le lantlha ba tlhopha mme e bile ba bona fa ditlhopho tsa mono ngwaga di gaisa tsa 2009 ka ipapatso e le e e kwa godimo fela thata gonne melaetsa e gasiwa mo diromamoweng, dipampiri tsa dikgang le mo thelebisheneng tota.
Mme Kenalemodisa Samoxha wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe a re o sale a eleditse go tlhopha mme fela dingwaga tsa gagwe di ntse di sa mo letle jalo e tla a re ka letsatsi la ditlhopho a bo a ya go diragatsa tshwanelo ya gagwe ka go tlhopha moemedi yo a mmatlang.
Mme Keotshepile Segobodi ene a re o itumelela fa a tsile go tlhopha monongwaga ka a ne a eleditse go tlhopha ka 2009 mme a sa kgona ka a ne a sa digela dingwaga tse di lesome le boferabobedi.
Bobedi jo bo boletse fa dikarata tsa bone tsa Omang di le mo tirisong mme e bile ba somaretse dikarata tse ba ikwadiseditseng ditlhopho ka tsone.
Ba tlhalositse fa ba setse ba tlhodile maina a bone mo bukeng ya maina a batlhophi mme ba tlhomamisitse fa a le teng selo se se ba rurifaletsang gore ba tla kgona go tlhopha mono ngwaga.
Ba rotloeditse banana ba bangwe go sa kgobiwe marapo ke mela e meleele ka letsatsi la ditlhopho gonne ba tla a bo ba ya go itlhophela moemedi yo o tla tsisang diphetogo gammogo le go araba matshwenyego a bone a akaretsa a thuto le letlhoko la mebereko.
Mme Bame Gadiresepe ene a re ga a ikwadisa ka e rile nako e go neng go kwadisiwa a bo a ise a digela dingwaga tse di lesome le boferabobedi mme a ne a eleditse go ikwadisa gore le ene a tle a tlhophe.
A re mo ditlhophong tse di tlang o tsile go ikwadisa ka a tla bo a lekane go tlhopha mme le ene o rotloeditse banana le bagolo go diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha.
Mme Madithaga Tsele a re dikgwetlho tse a tleng a kopane le tsone ka nako ya go tlhophiwa ke go ema lebaka le leleele mo meleng mme seo se ka seke se mo kgobe marapo.
Mme Tsele a re go le gantsi o goroga kwa matlhophelong pele fa go bulwa ka nako ya borataro gore a nne mongwe wa ba ntlha go latlhela tlhopho ya gagwe.
Le ene o rotloeditse setshaba ka kakaretso go ya go tlhopha ka letsatsi la ditlhopho ka go le botlhokwa go dira jalo gore motho a tseye seabe mo pusong ya batho ka batho.
Bokhutlo.
Source : BOPA
Author : Floridah Batshabeng
Location : Gumare
Event : Potsoloso ya lekalana la Bopa
Date : 22 Oct 2014